Ditlaleletsi tsa Minerale tsa Dipodi

© Marinda Louw

Diminerale tse Tlhokwang ke Dipodi

Calcium (Ca) le phosphorus (P) di bolokwa mo letlhotlholong, dipodi di ka tlaleletsa le go goga gotswa mo bobolokelong jono ka dinako tsa tlhokego. Calcium le phosphorus di botlhokwa jaaka dikarolwana tsa lerapo le meno mme di tlhokagala mo kagông ya marapo le ditogwa mo potsaneng e e golang.
Mašwi a na le Ca e e kwa godimo ka jalo go ntsha mašwi ka bontsi ga namagadi go raya gore e tlhoka calcium ka bontsi. Lucerne le humile ka calcium kgotsa e ka tlaleletswa ka difepi tse dingwe. Tlhaelo ya Ca e ka isa kwa tatlhegelong ya mašwi le letshoromong la mašwi mo dinamagading. Calcium le phosphorus di a tsalana mme di tshwanetse go nna teng ka go kgaoganngwa ka selekanyô sa 2:1. Phosphorus e tlhokwa mo kgodisong ya togwa le go bopega ga marapo, mme e botlhokwa ka ntlha ya bokgoni jwa yona jwa go tshwarelela maatla ka motsi wa tshilô-dijo. Dikorong di na le P e e kwa godimo. Magnesium e rotloetsa go dira ka bojotlhe ga thulaganyo-tshika mme e tsalana le Ca le P ka bobedi.
Diminerale dingwe, jaaka selenium le copper, di tlhokwa fela ka bonnye - jaaka dilatedisi. Copper (Cu) e thusa ka tshilô-dijo mme selenium e botlhokwa go cell metabolism. Matshwao a tlhaelo a akaretsa bolwetse jwa mesifa e mesweu le tsalô ya potsane e e suleng.
Zinc e na le seabe mo tlhagisong ya sperm mme matshwao a tlhaelo a akaretsa kgolô e e fokotsegileng ya boboa, bacteria e e kwa godimo mo molomong ka mathe a mantsi, go tia ga ditokololo tsa mmele le matlhagatlhaga a tsadiso a a kwa tlase mo dipoding tsa tona.
Tlhaelo ya iodine e ka bonwa ka go ruruga ga thyroid le boboa jo bo magwata.

Phepô ya Di-Vitamin le Diminerale

Fa sefepi sa mašwi sa dipodi tsa mašwi se rekwa, modiri wa sefepi gantsi o akaretsa nankolô ya di-vitamin ke diminerale. Fa go sa fepiwe sefepi sa mašwi, go ka tlhokagala gore go fepiwe selatswa sa minerale go tlamela dikotla-potlana tse di tlhokegang. Go na le mefuta ele mentsi ya dilatswa tse di siametseng mabaka le ditlha tse di farologaneng. Dilatswa di le di ntsi di na le letswai go lekanyetsa tsêô, fela phopholetso ke gore dipodi di tlile go tsaya mo go lekaneng go fitlhelela ditlhokegô tsa tsona tsa minerale le vitamin.

Translated by Nchema Rapoo