Desmond Tutu: Go nna Moeteledipele

A Tlhomamiswa jaaka Moruti

©Eric Miller
Fa Desmond Tutu a simolotse ka thuto ya thutabomodimo ya gagwe go le go nna le seabe mo kerekeng o ne a se na seabe mo politiking. Mo tirong yotlhe ya gagwe, o lekile go nna o o seng wa sepolotiki ka go gana go ilolamisa le mokgatlho o o rileng wa sepolotiki. Mme tlhago ya gagwe ya setho e ne e sa mo letlelele go ikgatholosa go boga goo a neng a go bona ka fa tlase ga puso ya kgatelelo ya tlhaolele. O ne a lora ka setšhaba sa kgololosegong le temokerasi kwa ntle ga go aroganywa ka semorafe. O bonetsepele setšhaba sa ditshwanelo tsa batho botlhe tse di lekanang, go sena melao ya Bukana ya Boiketsise ya Afrika Borwa, tsamaiso ya thuto e e tlwaelegileng le khuduso ya kgatelelo ya batho go tswa mo Aforika Borwa go ya go se se bidiwang 'magae'.

Morago gagore Tutu a tlhomamiswe jaaka moruti ka 1960 o ne a fudugela kwa UK go tsweletsa dithuto tsa gagwe tsa thutabomodimo. Fa a boela mo Aforikaborwa o ne a tshwanelwa ke go nna re-accustomed go tshela ka fa tlase ga kgatelelo. Fa a fetsa go boa, o ne a dira jaaka motlhatlheledi pele ge a boela kwa UK go dira ka fa tlase ga Letlole la Thuto ya Thutabomodimo 'TEF' fa a neng a boona kgatelelo mo dinageng tse dingwe tse di tlhabologang, segolobogolo dinaga tse dingwe tsa Afrika.

Karolo e e Matlhagatlhaga mo Ditshupetsong

Fa Tutu a ne a boela mo Afrika Borwa ka 1975 morago ga dithuto tsa gagwe tsa thutabomodimo kwa moseja, o ne a tlhomiwa go nna Modini wa Kerekekgolo ya St Mary’s kwa Johannesburg mme morago Mobišopo wa kwa Lesotho. E ne e le fao a simolotseng go tshameka maemo a matlhagatlhaga a ditshupetso mo Afrika Borwa. Go nna motho o e leng setshwantsho sa setšhaba o a nang le bareetsi ba bantsi, Tutu o ne a bua ka go tlhoka bosiamisi jwa loago. O ne a nna leloko la selthopha le matshwao a mangwe jaaka Winnie Mandela le Mamphela Ramphele mo go phasalatseng molaetsa wa bona. O ne a ikuela ka ditshupetso tsa boditšhabatšhaba ka ikonomi ya Afrika Borwa le tshawaya phoso phatlalatsa Molao wa Borukhutlhi wa 1967 o o neng wa baya ke puso ya tlhaolele.

Kgwedi pele ga dikhuduego tsa baithuti ka 16 Seetebosigo 1976 Tutu o remotse lekwalo le le bulegileng kwa go Tonakgolo ya ka nako eo, John Vorster a mo gwetlha go gakologelwa tsela eo MaAforikanere a e tsereng go bona kgololosego le go tshitsinya ditsela tsa kagiso go fetsa kgaratlho go bona kgololosego ya Afrika Borwa yotlhe. O ne a tsibosa ka tirisodikgoka e e anameng eo e ka se tiilweng fa tlhaolele e ne e sa tlosiwe. Lekwalo la gagwe le ne la tsewa fela jaaka kwalwa ya maiteko a go gasaganya tlhotlheletso ya sepolotiki. Fa dikhuduego tsa baithuti kwa bofelong di sena go runya, Tutu o tshegeditse batsadi le baithuti kwa morago.

Phaseporoto ya ga Tutu e a Amogwa

Ka 1978 Tutu o ne a tlhophiwa go nna Mokwaledi Kakaretso wa Khansele ya Dikereek ya Afrika Borwa 'SACC' mme e ne a ikaeletse go dirisa maemo a gagwe baa setheo se kwa pele ya go lwela ditshwanelo tsa botho. Fa mongwe wa baruti ba kereke, John Thorne, a ne a tshwerwe ka 1980, Tutu o eteletse pele mogwanto go ya go dira ditshupetso, go isa kwa go tshwarweng ga gagwe. Ene le ba bangwe ba ne ba tlhatlhetsweng bosigo botlhe mme ba rebolwa ka dituediso-kotlhao. Puso gape e amogile phaseporoto ya gagwe. Kopano magareng ga baeteledipele ba kereke le puso e ne ya tshwarwa morago ga tiragalo, Tutu le Tonakgolo ya metlheng PW Botha magareng ga bona.

Kwa kopanong, kereke e ne ya rotloetsa puso go tlosa tlhaolele pele ga tirisodikgoka e ntsi le dikgotlhang e nna pheletso. E ne e le kopano e e segn ya mosola, mme Tutu o ne a sa fapoga ka maikaelelo a gagwe a go fitlhelela baeteledipele ba Afrika Borwa. 1980 gape e ne e le ngwaga wa Tutu mo a seanneng phetišene go lopa go gololwa ga Nelson Mandela kwa kgolegelong, ya nna poelo ya pulo ya kgolagano magareng ga bobedi.

Fa phasepoto ya Tutu e ne e busetswa kwa go ena ka 1981 o etetse dinaga di le 10 kwa Yuropa le Amerika Bokone go anamisa lefoko ka maemo a a ka fa tlase ga tlhaolele, a gwetlha baeteledipele ba dinaga go pega dithibelo tsa ikonomi tse di tla bayang kgatelelo mo Puso ya Aforika Borwa. Fa a boela mo Aforika Borwa phaseporoto ya gagwe e ne ya amogiwa gape. Puso e lekile ka bojotlhe go fokotsa tlhotlheletso eo Tutu a e fitlhaletseng. Teko nngwe e e tshwanang e ne e le go ema nokeng Lekoko la Sekeresete, mokgatlho o o amogetseng madi a go tsamaisa matsholo a a kgatlhanong le SACC e Tutu a neng a le tlhogo.

Go Tsweletsa Pele Molaetsa wa Kagiso

©Eric Miller
Ka 1982 Tutu o ne a rarabolola makwalo go ya go baeteledipele ba naga ka go leka tsweletsa ya pele molaetsa wa gagwe wa kagiso. Se se akaretsa makwalo go ya go Tonakgolo ya Iseraele a ikuela mo go ene go emisa ka go boma Beirut mmogo le go ya go moeteledipele wa Palesetina Yasser Arafat a ikuela go ene go amogela go nna teng ga Iseraele. O ne a leboga baeteledipele ba Zimbabwe, Lesotho le Swaziland ka go nna beng-gae ba batshabi ba Aforika Borwa mme a ba lopa gore ba se romele batshabi go boela gae.

Gape o ne a etela United States of America 'USA', fa phaseporoto ya gagwe e ne ya busetswa kwa go ene, go ukiela kwa Tumelanonge e Tshwarwang gararo ka ngwaga ya Kereke ya Episcopal.

Fa a ntse a le koo a ya go tshwaya phoso morago Moporesidente wa nako eo Ronald Reagan ka dikamano tseo e neng a tswelela go nna le tsona le puso ya Aforika Borwa, a kayang gore o konoteletse kgethololo ka go dira jalo. O ne a nna mmamoratwa wa setšhaba sa Amerika seo se neng se mo tshwantsha le setshwantshi sa kgaratlho sa bona Martin Luther King Jr. Baelatlhoko mo Afrika Borwa bane ba sa kgatlhiwa ke se, mme ba tsibogela ka tshwao phoso ya kgalefo.

Tutu o ne a tlhophiwa go nna Moemanokeng wa United Democratic Front 'UDF' ka 1983. O ne a tshegetsa mosadi wa gagwe, Leah, mo boikuelong jwa gagwe jwa maemo a botoka ka maemo a badiri ba magae. 1983 e ne e le ngwaga o a neng a thusa go tlhama Mokgatkho w Badiri ba Magaeng wa Afrika Borwa. Gape e ne e le ngwaga oo Tutu a kopaneng le Mopapa go buisana ka ga mabaka a a mo Afrika Borwa. Fa a utlwa gore batho ba Mogopa kwa Teransefala Bophirima ba ne ba tshwanetse go tlosiwa mo nagalegaeng ya Bophuthatswana le mo magae a tla senngwa ene le baeteledipele ba bangwe ba kereke ba thantse bosigo jotlhe. Mo gare ga batsayakarolo e ne e le Ngaka Allan Boesak.

Translated by Lawrence Ndou