Desmond Tutu: Botshelo ka Bokhutswane

O Belegetswe kwa Klerksdorp

©Eric Miller
Ka di 7 Diphalane 1931, Desmond Mpilo Tutu o belegetswe Zachariah 'morutabana' le Aletta 'modiralapeng' kwa Klerksdorp mo Porofenseng ya Bokone Bophirima ya Afrika Borwa. O ne a le mongwe wa bana ba le bane mo lelapeng le ba neng ba se na madi a mantsi.

Fa Desmond a ne a le dingwaga di le robedi rraagwe o ne a sutisediwa kwa sekolong sa kwa Ventersdorp fa lelapa la gagwe le neng la tsena African Methodist Episcopal Church. Go tswa moo ba lelapa ba fudusetswa kwa Roodepoort kwa Gauteng fao balelapa ba nnetseng teng pele kwa bofelong ba nna kwa Munsieville, bonno jwa bantsho kwa Krugersdorp, Gauteng.

Fa ba nntse kwa Munsieville, Desmond o ne a amogela madi a tlaleletso ka go kokoanya le go tsamaisa diaparo tseo mmagwe a neng a di tlhatswa. Gape o ne a rekisa dinamune le matonkomane ka poelo e nnye le go dira jaaka morwala kgetsi ya motshameka kolofo kwa lepatlelo la kolofo la Killarney. O ne a nna leloko la Diturupa, moo a neng a abelwa Tenderfoot ya Boemo jwa Bobedi le Betšhe ya Bokgoni jwa go Apaya.

Sekolo se se Kwa Godimo kwa Sophiatown

Desmond o simolotse sekolo se segolo kwa Western High Schoool gaufi le Sophiatown ka 1945. Fa o ntshitse ga tshwene mo dithutong mme a tlhabolola lorato lwa botshelo jotlhe jwa gagwe morago ga go a nna leloko la setlhopha sa rakabi sa sekolo. Morago ga dingwaga tse pedi a tshwara ke bolwetse ba mafatlha 'TB' mme o ne a tshwanela ke go nna kwa bookelong dikgwedi tse 18. Ka nako ya gagwe ya go nna kwa bookelong, o nnile tsala ya Moruti Trevor Huddleston yo o neng a nna motshwaetsi o mogolo thata mo botshelong jwa gagwe le go dira ka fa tlase ga gagwe kwa kereke e kgolo mo Munsieville.

Huddleston e ne e le Mobishopo wa Moesimane wa Anglican o dira jaaka moruti kwa Sophiatown. Desmond o ne a kgatliwa ke tlotla eo moruti a e bontshitseng mmagwe Desmond, motho yo o neng a tsewa a le kwa tlase thata ga Huddleston mo setšhabeng. Ga a kake a lebala tsela eo Huddleston a neng a tshola mongwe le mongwe ka seriti, go mo rotloeditse moragonyana mo botshelong fa a ne a kopana le kgaratlho kgatlhanong le tlhaolele.

Ka ntlha ya bolwetse jwa gagwe, Desmond o nnile morago kwa sekolong mme go ne go se jalo a letlelelwa go tsena mo phaposing ya Marematlou a 1950. E ne e le toro ya gagwe ka dinako tsotlhe go nna moalafi, ka jalo o ne a nna thari thata mo masigong a mantsi, ka go dirisa kerese go ithutela ditlhatlhobo tsa gagwe tsa marematlou. O falotse mme a amogelwa kwa Sekolong sa Bongaka sa Witwatersrand go ithuta go ya pele. Fela, o ne a sa kgone go bona matlole a sekolo sa bongaka, o ne a swetsa go nna morutabana bogolo mme a ikwadisetsa kwa Kholetšheng ya Bantho e e Tlwaelegileng go feleletsa dipoloma ya gagwe ya borutabana.

Go Dira Jaaka Morutabana

Fa Tutu a dira jaaka morutabana o kopane le Nomalizo Leah Shenxane, yo e leng morutabana mmogo. Bobedi ba ne ba nyalane ka 1955 mme ba nna le bana ba le bane.

Tutu o rotse tiro ya go ruta fa Molao wa Thuto ya Bantsho o ne wa diragatswa, a gana tlatsa go tlhoka bosiamisi e e neng ya gapeletsa maemo a thuto a a kwa tlase mo bathong a ikaegileng ka bomorafe. O ne a tsweletsa dithuto tsa gagwe tsa thutabomodimo kwa Kholetšheng ya Thutabomodimo ya St Peter kwa Johannesburg. Se se duetse ka 1960 fa Tutu o tlhomamisitswe jaaka moruti wa Anglican priest.

Go tloga ka 1962 go fitlha 1966 o ne a dira mo go boneng dikrii ya gagawe ya Bachelors le ya Thutabomodimo kwa Kholetšheng ya King kwa London. Fa Tutu a ne a le kwa moseja, o ne a rotloediwa ke tlhagisomaikutlo ya kgololosego gammogo le phitlhelelo e e bonolo ya kitso le thuto a e boneng kwaa gone. O ne a ratile mofuta o wa kgololosego mo bathong ba gagwe mo Afrika Borwa.

Setshwantsho se se Tlotlegang Thata

©Roger de la Harpe
Nobel Square, dedicated to South Africa's four Nobel Peace Prize laureates: Albert Luthuli, Desmond Tutu, FW DeKlerk and Nelson Mandela. V&A Waterfront, Cape Town.
Fa Desmond Tutu a boela mo Afrika Borwa ka 1967, a nnile leloko la badiri ba Seminara ya Federale ya Thutabomodimo kwa Alice mme a nna moruti kwa Yunibesithing ya Fort Hare.

Ka 1975, Tutu o tlhomamisitswe jaaka Modini wa Kereke e Kgolo ya St Mary’s, Johannesburg, mme ka bonako fela morago ga go tlhophiwa jaaka Mobišopo wa kwa Lesotho. Ka 1975, e ne e le nako ya tlhakatlhakano mo Aforika Borwa ka nako ya dikhuduegong tse dikgolo tsa sepolotiki le go nna kgatlhanong le tlhaolele di diragalang. E ne e le ka nako e fa Desmond Tutu a ne a tlhomiwa mo phatlhatirong ya Mokwaledi Kakaretso wa Khansele Dikereke ya Afrika Borwa 'SACC'.

SACC e ne e emetse Dikereke tsotlhe tse dikgolo tsa Sekeresete mo Afrika Borwa, kwa ntle ga Kereke e e Fetogileng ya Dutch le Kereke ya Catholic. SACC e nnile setheo se se di gogang kwa pele mo go tsa semowa le botshelo jwa sepolotiki jwa Bakeresete mo Afrika Borwa mme ba ba adimileng serala sa go ntsha diphegelelo tsa bona. Ka 1978 le 1985, Tutu o ne a le kwa pele mo boemong jwa bosetšhaba le ba boditšhabatšhaba mo ntweng e kgatlhanong le tlhoka bosiamisi tse di neng di obega ke tlhaolele. Desmond Tutu o ne a newa Sejana sa Kagiso sa Nobel ka 1984 jaaka kaelo ya tshegetso ya seabe se a nnileng le sona mo go senyeng tlhaolele.

Desmond Tutu ka 1985, o ne a tlhophiwa jaaka Mobišopo wa Johannesburg, ka nako eo o ne a tswelela go gatelela gore go nne le phetogo, le go tsweletsa tshwaragano magareng ga bantsho le basweu BaAnglican ba Afrika Borwa. Ka 1986, o ne a tlhophiwa go nna Mobišopo wa Kapa mme ka 1987, Tutu o ne a tlhophiwa jaaka Moporesidente wa Khonferense ya Dikereke Tsotlhe tsa Aforika.

Morago ga Tlhaolele

©Eric Miller
Kwa bofelong fa tlhaolele e ne ya fediswa ka 1994, Tutu o ne a lalediwa go nna modulasetilo wa Khomišene ya Nnete le Poelano ke Nelson Mandela, ka ditsholofelo tsa go busetsa kagiso mo setšhabeng.

Tutu o ne a tlotliwa ka bobedi mo gae le kwa dinageng boditšhabatšhaba, mo dingwageng tse di fetileng, go nna le seabe ga gagwe mo go lekeng go dira gore Afrika Borwa ya setšhaba se se lekaneng.

Ka temogo ya lorato lwa gagwe ya dikwalo le thuto, Tutu o abetswe didikirii tse di farologaneng tsa tlotlo, le dikolo di le dintsi dithusa baithuti ka madi tse dintsi di setse di reetswe ka ene.

Ka 1987 o fentse Kabela ya Pacem mo Terris, Kabelo e e reetsweng ka Mopapa John XXIII e e lopang batho go sireletsa kagiso magareng ga ditšhaba.

Ka 2008, Mmusisi Rod Blagojevich wa kwa Illinois o goeleditse letlhala la 13 Motsheganong “Letsatsi la Desmond Tutu” le ka 2017 Kgosigadi Elizabeth II wa Engelane o mo tlhomile jaaka Bailiff Brand Cross wa Verable Order ya St John.

Translated by Lawrence Ndou