Day Waterlily
Tswii

© Shem Compion
Day Waterlily.

Leina

Tswii kgotsa Day Waterlilly kgotsa Star Lotus kgotsa Pygmy Waterlily

Leina La Se-Latin

Nymphaean nouchali

Thanololo

Tswii ke semela sa metsi ka matlhare a a kgolokwe a a phaphamelang mme a kgaogantswe ka kutwana ya V. Dimela tseno di na le dithitô tsa ka fa tlase ga mmu tse di itshetleditseng mo seretseng ka medi e mekima e e phatlhaletseng. Thitô ya ka fa tlase ga mmu e bogare jwa 4-5cm, ka mmala o montsho mme e a tobetsega. Matlhare a phaphasela go tswa mo dikalaneng tse di telele tse di tobetsegang mme a kgolokwe ka mosego o ô boteng go tswa mo bogareng go ya letlhakoreng.
Dithunya tse kgolo di tlhoga mo dikalaneng tse di telele fa godimo ga boalo jwa metsi mme di ka nna tsweu, serolwana, botala jwa legodimo kgotsa pinki ka mmala, di bulega fela fa go le letsatsi mme di tswalega fa e le bosigo di bulege mo mesong. Di na le diphetale tse di motsu tse di ntsi mme gape di na le monkgo.
Go na le mefuta e ka nna 60 ya Waterlilies, fela go mefuta o le nosi mo Afrika Borwa e leng Tswii. Waterlilies ke dimela tse di ratang go bontsha.

Tulo

Tswii e mela kwa megobeng le kwa matamong le kwa dinokeng tse di sa eleleng thata mme di fitlhelwa go ralala lefatshe go akaretsa di porofense tsotlhe tsa Afrika Borwa mmogo le Kruger National Park.

Leungo

Morago ga go dulafatswa ke dinotshi le dikhukhwane, dithunya di gogelwa gape ka mo tlase ga metsi kwao dipeo di butswisiwang. Dipeo tse di butswitseng di a phaphamela mme di phatlhalatswe ke makhubu a metsi. Dia kwa godimo ga metsi, di phaphamele nakwana, mme di nwele mo seretseng moo di jalegang mme di mele.

Dintlha Tlhagiso

Tswii ke sengwe sa dimela tse di tlhompegang thata mo lefatsheng mme go kaiwa ga fa Buddha a sena go tlhokafala sethunya seno se ne sa thunya gotlhe mo a gatileng teng. Gape ke sethunya sa bosetšhaba sa Bangladesh le Sri Lanka.