Cape Otter
Otter ya Kapa

© Jacques Marais

Leina

Otter ya Kapa, Kapa Otter [aonyx capensi otter]

Ponalo

Otter ya kwa Kapa e 1,3 m go ya ka boleele le go bega ka ga dikilogerama di le 13. Kwa ntle ga mo mpeng, mometso, marama le dipounama tse di kwa godimo, tsona ke tse di tshweu. Mmele wa yona o apesitswe ka boa ba mmala o o tseneletseng o o borokwa. Ga ena matlalonyana a tlhakanyang menwana mo maotong a kwa pele, fela e na le matlalonyana a a tlhakanyang menwanwa ya maoto a kwa morago a boleele jo bo ka nnang seripagare jwa ona. E na le menwawa e metlhano e ese nang manala mo maotong otlhe. Mogatla wa yona ke o mokima, ebile o mo khutswane.

Dijo

Bogolo jwa dijo tsa yona ke makakaie, gape e ja le ditlhapi, digwagwa, dilobster, dinonyane, ditshenekegi, digagabi, di amusi tse di nnye.

Pelegiso

Otter ya Kapa e tsala ngwaga otlhe, mme e le nngwe go ya go di le tharo tse di belegweng, e belegwa ka ditshila morago ga nako e e ka nnang malatsi a le 60 -65 ya go dusa.

Maitsholo a yona

E botlhale ebile e rata go tshameka ka tlhago, e a lebega. Ganke di bonwa thata mo nageng, mme gantsi e nna e le nosi. Di Otter tsa basadi ke tsona tse di bonwang di na le bana ba tsona, ka jalo ke gona o tla di bonang e le setlhopa go fitlha go di le robedi. Tsa banna ga di nke di tsaya karolo mo go godiseng bana ba tsona. ebile ga di tlhole le tsa basadi.

Mo di nnang teng

E nna mo tikologong ya metsi a phepa le lewatle, mme fa go ntse jalo e tlhoka metsi a a phepa go tlhatswa letswai mo boboeng ba yona.

Di fitlhelwang kae?

Otter e bonwa kwa botlhaba phasalatso mo lewatle le dithulaganyo tsa go ya kwa dikgaolong tsa dipula mo Aforika Borwa, mme ga e a tlwaelega. Go e bonwe go tswa kwa bophirima ba lefatshe la rona. Kwa mafelong a mabopng e kaiwa e ka bonwa e le nngwe mo dikilomitareng di le pedi, mme e bonwa dikilomitara dile tharo go fitlha go tse lesome go bapa le dinoka.