Bushwillow
Modubana

© Roger de la Harpe

Leina

Modubana

Leina La Se-Latin

Combretum zeyheri Sond

Thanololo

O aname, ke setlhatshana se se tlwaelegileng, ka boleele jo bo fitlhang 4m, mme se mela mo motlhabeng o o boteng le o o selôkô. Matlhare a sone a magolo fa go bapiswa le a ditlhare tse dingwe tsa tshika ya Combretum.

Dithunya le Leungo

Dithunya di tlhagelela mo khutlophateng e e mebitlwa ka borolwana-tala, thata-thata ka Lwetse mme di monkgo o o monate. Go lebega fa di ka thunya sebaka se se leele kgotsa lekgeto la bobedi, ka ga dithunya di kile tsa bonwa ka Tlhakole le Mopitlwe. Leungo le le borokwana le ka gantsi le leng phuka-nne, ke le legolo ka go feta mo tshikeng ya Combretum mo kgaolong eno, le sala ntse le le mo setlhatshaneng le morago ga go tlhotlhorega ga matlhare.

Di fitlhelwa kae

Di tlwaelegile go ralala dikgwa tsa Afrika Borwa le dikgwa tsa tlhaga tse di bulegileng.

Ditiriso

Setlhatshana seno sena le medi e gotweng ke ya fa godimo ga mmu e e bokima jwa di-millimetre di le mmalwa mme e rapaletse go fitlha 3 - 4m, mme e ka nna sekgala sa 20cm gotswa mo mmung. Medi eno e dirisiwa ke bommê go dira ditlatlana tse di tiileng ebile di kgabisitswe. Mo nakong tsa maloba ditlatlana tseno di ne di dirisiwa jaaka megope, fa di tshasitswe bomôtô jwa semela se se kgethegileng di ne di thibela go feta ga metsi mme di dirisiwe go gelela metsi. Gompieno ditlatlana di dirisiwa thata mo mabakeng a go bolokela kgotsa di a rekisiwa go dira madi.
Meakanyetso kana designs ka mefuta e fitlhelelwa ka go loga diphetene tse di lekalekanang go dira tlatlana, mme go fetolwe mmala wa medi o gantsi o leng thokwana go nna borokwa jo bo tseneletseng kgotsa go nna tshetlha. Phetolo-mmala e e borokwa jo bo tseneletseng e fitlhelelwa ka go dirisa lekwati la setlhare sa Morotômadi [Pterocarpus angolensis] fa phetolo-mmala e tshetlha e dirisa lekwati la setlhare sa Monato [Burkea africana]. Ke bommê ba le mmalwa fela ba maVasekele ba ba santseng ba itse mokgwa wa go dira ditlatlana tseno. Fa godimo ga fao, medi e dirisiwa go dira dibaga tsa molala tsa makgarebe a kwa bojale. Lekwati le dirisiwa jaaka setlôlô sa moriri. Lekwati le le omeletseng le a fisiwa mme molora wa lona o bedisiwe. Motswako o o tswang fao o tlôlwa mo moriring go o gagamatsa le go dira gore o lebege o le moleele.
Matlhare a dirisiwa go dira mo molemo o o lwantshang mogotlhwane. A apeiwa mo metsing mme a nowe gararo ka letsatsi. Medi e fana ka kalafi ya ditlhabi tsa mo maleng. Medi e e ka lekanang bokimo jwa halofo ya monwana go fitlha go bokima jwa letsogo, e a epiwa mme letlalo la yona le le borokwa le ôbolwe. Morago ga foo medi e e ôbotsweng e tsenywa mo pitseng ya metsi. Metsi a bedisiwa go le go nnye ka go baya pitsa fa thoko ga molelo, mme kopi ya seeledi seno e nowa gararo ka letsatsi go fitlhelela molwetse a ikutlwa botoka.
Dikala tse di bokima jwa monwana tsa setlhatshana di dirisiwa go dira bora jwa bana, ka ntlha ya gore ga di robege bonolo jaaka bora jwa bagolo. Bana ba di dirisa go ithuta go thuntsha ka bora-le-motsu. Jaaka logong lo lo boleta mo go bora jwa bagolo, bora jono bo ka se dirisiwe go tsoma diphologolo tse kgolo ka ge mothuntso o sa tia.

Dintlha Tlhagiso

Leina la seAfrikaans la Modubana ke Raasblaar mme seno se raa gore ‘letlhare le le modumo’, seno se kaya modumo wa makgwasa o matlhare le ditlhaka di o dirang fa go le phefo.