Brown Headed Parrot
Papalegae ya tlhogo e ntlhwa

© Nigel J Dennis
Brown Headed Parrot.

Leina

Papalegae ya tlhogo e ntlhwa

Ponalo

Papalegae e ke nonyane engwe e e botala ka mmala ka tlhogo e ntlhwa le botuba. Ka f tlase ga diphuka e mmala wa lephutshe (yellow) jo bo bonalang fela ga e fofa. Iris ya leitlho e mmlala wa lephutshe le botuba (grey). Di-brown head di na le molomo e bosweu, le bontsho kwa ntleng ya molomo oo kwa go dimo. Tse dingwe di na le matlho a a mmala wa lephutshe mme ke mmala o tsenetse kwa botubeng (greyish). Tse dingwe di na le matlho a botuba jo bo setlhafetseng le fa di setse di godile.
Tsotlhe tsa tse dinnye di na le matlho a botuba jo bo tseneletseng mme a batlile a nna mantsho, a tla setlhafala ga dintse di gola mme a kgatse phetogo morago ga ngwaga fa e setse e le ya mogolo. Di na le mmala wa botuba oo tshasitsweng ka bosetlha, mme mmala o o fetogela kwa botaleng mo molaleng wa yone. Leina le baitsanape ba le reeletseng tsone ke ” cryptoxanthus”, mme le raya gore ‘Mmala wa Lephutse (yellow) o fitlhegileng’ ka fa mmala oo o fitlhilwe ka fa tlase ga diphuka tsa yone. Ke nonyane e nnye ka mmele. Botelele ba tsone ke 9’ go akaretsa le mogatla wa yone.

Dijo

Di fepa ka dipeo tse difarologaneng, manoko (nuts), moretlwa, dithunya, maungo le nectar. Di ka tlhasela masimo a mopo le millet, mme a bonwa di le letshwenyo la bolemi kwa mafelong a mangwe. Di ka bonwa ka ditlhopha tsa 50 ya tsone kwa go nang le dijo kwa teng.

Tsalo

Di-brown heads digola ga di bona mengwaga ele mebedi (2 years), mme di ka se tsale gi fitlhela di bona mengwaga ele 3-4. Di-brown heads, jaaka dipopiwa tse dintsi tsa mophato wa di-Poicephalus, di tsala gantsi ka mariga, le fago na le tse di ka tsalang nako ngwe le ngwe mo ngwageng. Di para dile dintsi di ka beela mae ga 2 kgotsa 3 mo ngwageng, fa gantsi di ka beela mae a le 2, kgotsa 3-4. Mae a yone a elamiwa malatsi a le 28. Bontsi ba bana ba di-brown head ba kgwisia fa ba bona dibeke dile 8-10.

Maitshwaro

Di-Brown heads, di bolelwang ka sekgoa di bonwa gantsi ka bobedi kgotsa ka setlhophana, mme go bonala di rata ditlhare tse ditelele. Ka tlwaelo di nna mo makaleng aa kwa godimodimo. Di na le ditlhong ebile di itse go iphitlha, ga se gantsi di ka bonala fa dintse di fofela kwa ditlhareng tse dingwe. Go ya ka dikwalo thanodi (lexicon) tsa dipapalegae, di-brown heads di na le go bonwa di kokoane le tsa Cape Parrots.

Leina la se Latini

Poicephalus Cryptoxanthus

Kwa di ka bonwang kwa teng

Papalegae e simolotse kwa botlhabatsatsi ba aAfrika Borwa, mme e bona kwa dikarolong dingwe tsa Afrika Borwa, Kenya, Zululand, Mozambique, Tanzania, Zimbabwe le kwa letlhaketlhakeng la Zanzibar le Pemba.