Benjamin Pogrund, mobegadikgang wa Rand Daily Mail – Dikgakologelo tsa Mandela

© Eric Miller

Tshireletso ya Dingongorego tsa Basadi

Ke bone Nelson Mandela a dira kwa kgotlatshekelo morago ga mogwanto wa basadi kgatlhanong le melao ya dipasa ka 1959. Molao a gore batho bantsho ba ne ba tshwanetswe ke go tshola dipasa mogo bone ka dinako tsotlhe go seng jalo ba tla golegwa o ne o simolola go akaretsa le basadi. Bontsi ba ne ba tshwarwa ka go leka go ikemela kgatlhanong le molao oo.

Ke ne kele mobegadikgang yo moshwa wa kuranta ya Rand daily Mail, ke ithuta tiro ya go bega dikgang kwa kgotlhatshekelong ya magistrata. Ke ne ke setse ke itsane le Mandela mme a mpolelela gore, go na le kgotlatshekelo ee tseneng kwa tlase ya bagolegwa ba le bantsi ba basadi ba mogwanto. Lefelo leo ke kwa dikgologelo tsa kgotlatshekelo dibonwang kwa teng.

A mpolelela gore babegadikgang ga ba dumelelwa kwa kgotleng eo. Seo, jaaka nna le ene le dumalane, se ne se le phoso e kgolo ka fa tlase ga molao. Ke bile ka ya go ikopantsha le mogokgo magistrata ka mmolelela ka ngongorego yame, ka mo solofetsa fa ke tlile go tlatsa kopatetla le lefapha la Kgotlatshekelo ee kwa godimo.

Ditsheko tseo di bile dia bulelwa babegadikgang. Go tloga fao, ke bile ka nna mo ditshekong tseo sebaka sa dibeke dile thataro, mme Mandela ene ele mongwe wa babueledi ba baneng ba emetse basadi gore basadi bao ba tlogelwa kgotsa ba bone katlholo ee kwa tlase.

Makwalo aa Tswang kwa Robben Island

Morago ga dingwaga dile lesome, ga Mandela a ntse ele mogolegwa kwa Robben Island, a nthomella lekwalo. Ka ga ane a dumela ga batlhokomela bagolegwa ba ka se le letlele go tsamaya, one a le kwalela mothoesele.

Tharabololo ya gore le kwaletswe mang e tlhagile ka fa gare ga lone, ka gore o kaile sengwe kaga kgang ya go bulela ditsheko tsa basadi go babegadikgang. Lekwalo leo le bone mabogo a le mantsi, botlhe ba leka go le fitlhisa kwa mongwalone mme go tsere dikgwedi gore le fitlhe kwa go nna.

Translated by Ikalafeng Maedi

Mandela and Benjamin Pogrund's Family

O bile a tlhama documentary ka ga leeto leo, ‘The Last Mile: Mandela, Africa and Democracy’....more

Mandela The Black Pimpernel by Benjamin Pogrund

Mme pele ga gore ba dire sepe, ba ne ba tshwanetse ke go mo tshwara, ka jalo seo se nnile ntlhakgolo ya mapodisi a mantsi mme Mandela o ne a...more