Wild Dog
Letlhalerwa

© Shem Compion

Leina

Letlhalerwa [Lycaon pictus]

Introduction

Letlhalerwa (Lycaon Pictus) le fitlhelwa ka bonnye ka ntlha ya dikgaolo tse di anamileng tse le dulang mo go tsona. Letlhalerwa ke nngwe ya diphologolo tse di amusing tse di leng mo kotsing tota mo Afrika. Ke mabaka a a farologaneng a a bakang tshomarelo e e bokoa ya lôna. Lebaka le legolo le le dirang gore phologolo e e nyelele ke go tlhorontshiwa ke batho, le mo dikarolong tse le sireleditsweng tota pele ga jaanong jaana.
Mabaka a mangwe ke malwetse jaaka rabies le distemper, a a bakiwang ke fa matlhalerwa a kopana le diphologolo tsa gae. Go tsalellana e katswa e le gona go dirang gore botshelo jwa Letlhalerwa kwa Kruger National Park e nne fela ngwaga di le 6.

Tebego

Sejamana se ke leloko lwa lapa lwa ntša, mme boleele kwa magetleng ke 750mm. Tsa pholo di feta tse di tshegadi ka mmele ga nnyane mme bokete jwa tsona ke 20-30kg fa di godile. A na le bobowa jo bo dikôlô jo bo nang le boserolwana, bontsho le bosweu. Le lengwe le lengwe lena le bobowa jo bo farologaneng, se se dira gore go nne bonolo go supa lengwe le lengwe mo gare ga setlhopha.

Phepo

Matlhalerwa a tsoma gantsi diphologo tse di nnye le tse di mo magareng ka mmele, mme mo go tsona e rata go tsoma thata Phala. Kwa Afrika Botlhaba di kaiwa di tsoma Kgokong le Pitse Ya Naga. Matlhalerwa a tsoma ka setlhopa, mme maloko otlhe a setlhopha a tsenya letsogo mo go lelekeng le go lapisa setsongwa. Fa setsongwa se sena go emisiwa, se bolawa ke matlhalerwa otlhe, mme a se gagolake.
Matlhalerwa a tsaya gape le diruiwa mo mafelong mangwe, fela seno ga se direge jalo le jalo. Mo karolong ya Masai Mara National Reserve, kwa Kenya, Matlhalerwa a ikgathologile diruiwa, mme ka nako e nngwe kwa Zimbabwe a ne a ralala lesaka la dinamane go lelekisa Tholo mo lesakeng le le mabapi.

Tsadiso

Matlhalerwa a tsala go ya ka setlha. Mo Afrika Borwa dintšanyana tsa ona di tsalwa mo gare ga mariga morago ga go dusiwa matsatsi a le 70. Pholo le tshegadi tse di maatla ke tsona fela di tsalang mo setlhopheng sa Matlhalerwa. Maloko a magwe a setlhopha a latlhegelwa ke ditshwanelo tsa ona tsa go tsala mme a dira jaaka bathusi fela mo setlhopheng.
Jaaka e tlhatsa dintšanyana di le 12 kgotsa go feta ka nako, tshegadi ga e kgone go amusa sebaka se se leele. Go tloga fa dintšanyana di tshwara beke di le tharo, lebese le oketswa ka nama ya tshôtlhô e e di tlisetswang ke maloko a mangwe a setlhopha. Dintšanyana di diswa di le mo mesimeng.

Maitshwaro

Ditlhopha di ka farologana ka palo, e ka nna ya pholo le ya tshegadi le bana ba tsona fela go ya go fitlha go setlhopha se senang le maloko a le 50. Matlhalerwa ke diphologolo tse di ratang go phedisana thata, a fetsa nako e le ntsi a le gaufi le bomorwarra ona. Ke nngwe ya ditsomi tse di matsetseleko e le tota, mme a tlhasela batswa-setlhabelo ba mmele yotlhe, go tswa go Phofu e kima go ya go mebutla e mennye. Botsomi jwa ona jo bo rulaganeng bo dira gore a kgone go diga setsongwa ka bonako, nako dingwe ka metsotswana. Setsongwa se a jewa, nako dingwe se santse se phela, mme se kgona go jewa sotlhe ka metsotso e le mmalwa.

Tulo

Matlhalerwa a fitlhelwa mo dikgweng tse di sa kitlanang gole kalo le mo nageng e e bulegileng.

Di fitlhelwa kae?

Motsamao wa ona wa go tlhotlhoma o dira gore go nne thatanyana go ka fopholetsa palo ya ona. Go fitlha mo malobengnyana fa, Matlhalerwa ane a fitlhelwa kwa dikgaolong tse di akaretsang bogolo jwa karolo ya seka-sekaka sa Sahara mo Afrika, go sa lebelelwa dikarolo tse di dipula le dikaka.
Gona jaanong di fedile ko dikarolong tse di neng di bonagala kwa go tsona, di nyeletse mo dinageng di le dintsi tsa kwa Afrika Bophirima le Bogare, mme kwa Botlhaba le Borwa di bonwa fela ko dikarolong tse go senang batho ba le bantsi. Di fitlhelwa kwa Kruger National Park mo Afrika Borwa, gaufi le Phalaborwa Gate, Tshokwane le Skukuza le borwa jwa Afsaal; le kwa polaseng ya diphologolo e e sa tlwaelegang.