Wild Date Palm
Tsaro

© Roger de la Harpe

Leina

Tsaro, Wild Date Palm, Senegal Date Palm (Phoenix reclinata)

Thanololo

Tsaro ena le matlhare a a bopegileng jaaka mafofa. Palema eno e e phelang e le botala jwa tlhaga ga e nke e gola boleele jo bo fetang 6m mme gantsi e mela ka kitlano, go le thitô e le nngwe kgotsa di le mmalwa tse di kobegileng di goletse kwa godimo go feta tse dingwe. Legwati la Tsaro le borokwa jo bo tseneletseng go ya bosetlheng jo bo tseneletseng, matlhare a mabadibadi. Matlhare a boleele jwa 3-4m. O kare ke mafofa, ka matlhatshana a a ka fitlhang 50 ka letlhakore. Matlhatshana a kwa thitông a mebitlwa fa matlhatshana a mangwe a le botala jwa tlhaga jo bo tseneletseng mme a le borethe ka go phatsima.

Dithunya di tlhoga ka setlhotshwana mo khutlophateng ya matlhare a mannye gaufi le bôgôdimo jwa thitô. Tona le tshegadi di mo dimeleng tse di farologaneng. Sethunya sa tona se bopegile jaaka letshwao lwa caduceus ka mmala o o serolwana se se leswe. Sethunya sa tshegadi se sennye se le popego ya kgolokwe ka mmala o o serolwana le botala jwa tlhaga. Maungo a mannye (2,3 x 1,4cm) mme a tlhoga ka ditlhotshwana tse kgolo tse di lepeletseng. Sethugwa sa leungo se nonne se le serolwana fa se le se nnye mme se borokwa fa se godile ka thôtse e le nngwe ka mogare.

Di fitlhelwa kae

Semela seno se phela fela kwa gonang le metsi a a emeng ka bontsinyana jaaka kwa motsitlaneng, seno se baka go tlhokega ga sona kwa dikarolong tsa lefatshe le le omeletseng. Tsaro, ka go ikaega ka metsi, ka nako dingwe ke sesupo sa kelelo ya metsi e e ka tswang ene e le teng mo kgaolong, le fa metsi a sa bonale ka nako eo.

Dintlha Tlhagiso

Maungo a Tsaro a jewa ke diamusi, dinonyane le batho mme pelo ya setlhare e diriswa jaaka morogo. Mo Afrika Borwa le Botswana go gamolwa matute a semela seno go dira mofine wa palema. Seno se dirwa pele ga thunyo ga semela.