White-fronted Plover
Lerweerwee Le Lesweu Fa Pele

Leina

Lerweerwee Le Lesweu Fa Pele

Leina La Se-Latin

Charadrius marginatus

Lelapa

Charadriidae

Boleele

9cm

Tulo

Le etela thata lotshitshi lo lo motlhaba, makhubo le dinoka tse di motlhaba kwa e fitlhelwang e tsamaya e le nosi kgotsa ka setlhotswana.

Modumo

Fa le fofa e dira modumo o o boleta wa 'wit' or 'twit' or 'twirit'. Fa le tshogile e dira o o kwa godimo wa ‘kittup’ kgotsa o o gogiwang sebaka wa ‘churr’.

Tsadiso

Le tsadisa ngwaga otlhe, segolo thata ka Phatwe – Lwetse. Mae gantsi a apesiwa dikotara-tse-tharo ke motlhaba o o fokilweng ke phefo ka matsatsi a a mogote. Mae a gantsi a leng 2, a kgolokwe ya lee, a mmala wa lobebe lo lo serolwana se se kopaneng le borokwa, mme a tshwailwe ka mola o mosesane o o borokwa jo bo tseneletseng go a phatlhalala. Go elama ke matsasi a le 27 – 33. Go dula mo sentlhageng ga ditsuwane ke matsatsi a le 35 – 38.

Thanololo Ya Dithuthugi

Dithuthugi ga dina bontsho mo tlhogong fela mela e mesweu e teng go ralala molala ka fa morago. Di tshetlha fa godimo, ka dipatso tse ntsho tse di dirang mela go ikala ka bogare jwa korone, mafofa a ditsebe le matlhakore a mokokotlo a mantsho; di tshweu fa tlase.

Thanolo Ya Tse Kgolo

Ya tona ena le mola o o bonalang segolo fa morago ga leitlho, le dikarolwana tse di fifetseng mo matlhakoreng a sehuba gantsi. Dinonyane tse di tswang kwa Kapa Bophirima di tshweu fa tlase mme di bosetlha le borokwa fa godimo. Matsô a le mabedi a lemogwa. Matlho a borokwa, molongwana le maoto a mantsho.

Boemo

Senni se se tlwaelegileng.

Kanamo

Setshedi seno se ko mabopong ka bontsi, fela se gatisitswe le kwa dinokeng tse di kgolo le kwa matšheng a naga-gare.