Whale Shark

© Roger de la Harpe

Leina la Mophato

Whale shark

Leina la Maranyane

Rhincodon typus

Semeto

E ka nna 13m

Ponalo

E na le ditsubaba tse ditshetlhana le di-stripe tse di grey go dira phethene ya checke. E na le di-ridges tse tharo tse dibonalang mo mmeleng wa yone.

Dikitsiso

Lelapa la Rhincodontidae le na le mofuta ole 1 le mofuta wa sebopiwa o le 1. Legwaragwara la Leruarua ke tlhapi e kgolo go di feta tsotlhe, mme e ka bona bokete ba mmele ba 20 tons. Gantsi di ka bonwa dile esi mme di ka kopana go tlhama lekoko la tsone fela ka palo ya dile 100. Di rata go fudugela kwa mafelong a a nonneng ka dijalo tsa Plankton. Molomo wa yone o ka nna bophara ba 1.5m mme e ka nna le mela ya meno a palo ya 300-350 mo leganong la yone, mme ga e dirisetswe go ja. Do dumelwa fa dile mo kotsing ya go nyelela mo lefatsheng. Ovoviviparous. Bana ba yone ba tsalwa ba bopegile ka botlalo, mme ba ka nna boleele ba 40-60cm ga ba tsalwa. E ka phela sebaka sa dingwaga dile 100.

Dijo

©Roger de la Harpe
E fepa ka go kgetholla dijo (Filter feeder). Gantsi e ja macro-algae, krill, plankton, crustacean larvae le di-vertebrates tse dinnye.

Anamiso

E bonala kwa mawatleng a a mofuthu, a a bonang dipula le mogote.