Weisser Riesling

© Glenneis Kriel

Tlhaloso

Weisser Riesling ke veine e tshweu ya mefuta e e farologaneng e e dirisiwang go tsweletsa diveine tse di lakaselang gammogo le tse bofefo boungoya komelelo le seka sukiri le emeng. E bonwa jaaka kgosi ya Sejeremane ya magae a diterebe.
Ditshekatsheko tsa DNA di supile Gouais blanc jaaka e nngwe ya batsadi ba Weisser Riesling, mme boitshupo ba motsadi yo mongwe bo sa ntse bo sa itsiwe, diphopholetso le gore e e ka nna terebe e e farologaneng e e tlhaga, Traminer, kgotsa tlhakano fa gare ga mefuta e e farologaneng e e tlhaga le Traminer.

Tshimologo

Weisser Rriesling e ne ya jalwa kwa Yuropa go tloga ka Metlhagare le go bonala e simolotse kwa mogorogorong wa Rhine wa kgaolo ya Jeremane. Go fitlheletse katlego e kgolo mo Ngwagakgolong wa19 TH. le 20 TH. fa ditlhotlhwa tsa veine e ne e le tekatekanyetso le tse dikgolo that tsa Burgundy le Bordeaux.
Ke tlhakatlhakano ya mmaraka, le fa go le jalo, e tsweleditswe fa balemi ba amogetse leina le lengwe la mefuta e e farologaneng go pagama mo katlegong ya papatso ya Weisser Riesling’ papatso katlego, gape jaaka go diragetse mo Aforika Borwa.

Maina a Mangwe

Makaelagongwe a akaretsa: Rhine Riesling, Riesling, Petit Riesling le Ryn- Riesling.

Tsweletso mo Aforika Borwa

Di-Weisser Riesling tse di tshwanang le yona tsa ntlha di raopetswe mo Aforika Borwa ka bo1960 le go gololwa mo tsweletsong ya bogwebi mo bogareng kwa di1970. Nngwe ya dikgoreletsi tse kwa tshimologong tse di lebaganeng le mefuta e e farologaneng e ne e le tlhakatlhakano ya mmaraka fa gare ga Riesling ya Kapa, e e ka tlhamalalo e se Riesling mme e le Crouchen.
Go samagana le tlhakatlhakano e, molao o o tlhomilweng ke kgotlatheo e ne wa fetolwa 2010 gore leina Riesling le ka kaya veine e e tsweletswang go tswa go Weisser Riesling. Botsweletsi ba ba botlhokwa ba Weisser Riesling mo Aforika Borwa, ba ne ba tlhoma Mokgatlho wa Just Riesling go tokafatsa temoso le kgatlhego ya mefuta e e farologaneng.

Dikgaolo tsa Tsweletso

Fa magae a diterebe a Wiesser Riesling e fitlhelwa mo dikgaolong tsotlhe tsa tsweletso tsa naga, kgaolo e e ka fa tlase ga tsweletso e nnye thata. Bontsi jwa magae a diterebe bo fitlhelwa kwa Stellenbosch, di bo di salwa morago ke mo Lebopong la Borwa kwa Kapa le Paarl. Mefuta e e farologaneng e tshela sentle ka fa tlase ga maemo a loapi a a tsiditsana.

Kgolo

E gola ka bo bogareng, ka kgonego uno e e bogareng ya kuno ka nnang 10t/ha go ya go 12t/ha.

Go Butswa

Diterebe di butswa ka pele mo setlheng, go tswa kwa bokhutlong jwa Tlhakole go ya tshimologong ya Mopitlwe.

Borekhu

Borekhu ke jo bo potokwe, bonnye go ya magareng ka bogolo le botala bo bo phatsimang go ya go boserolwana-botala. Matlalo ke a amasesane le bokete, mme fa boteng ke e e boleta le matute.

Matlhare

©Glenneis Kriel
Matlhare ke a potokwe, a a kgolwane, a botala jo boswana le mareto a ma tlhano.

Disenyi le Malwetse

Weisser Riesling e bokoa kwa go botrytis le go bola gwa botlha.

Tiriso

Fa gae, bogolo e dirisiwa go dira diveine tse di omileng tsa go se nne sentle kgotsa diveine tsa phuting kwa go kotulong ya Noble Late kgotsa tsa mefuta ya tlhago e e botshe.

Tatso

Mefuta ya tsweletso ya diveine tse di farologaneng go tswa go letlhaka le le setlha go ya go serolwana-gauta ka mmala. E dira diveine tse di etekanetseng le monko k abo sethunya kgotsa setlhophana sa dithunya le pepere e e kwa tlase le ditatso tsa muscat.

Translated by Lawrence Ndou