Warthog
Kolobe ya Naga

© Shem Compion

Leina

Kolobe ya Naga, warthog (Phacochoerus africanus)

Behaviour

Kolobe ya Naga ke phologolo ya motshegare mme e tlhola letsatsi lotlhe e batlana le dijo. Gantsi o tla di bona dile mo setlhopheng la lelapa. Phologolo e, e le mokgwa oo makatsang wa go khubama ka mangwele fa e fula kgotsa a ja dijo tsa yone mo lefelong la yone. Di nna mo mesimeng bosigo, mme di tsena ka mogatla pele mo mesimeng eo.
Go na le ditlhopha tse tharo tse di ka boniwang the diphologolo tse. Sa ntlha ke setlhopa sa tse di nnang dile esi (Solitary Group), se sengwe ke sa tsa makgwatlha(Bachelor Group) le setshopha sa batsetse(Matriarchal Group). Matriachal group e na le dikolobe tse namagadi le bana ba tsone. Tse di tona ga di tshameke karolo epe mo go godiseng ga dikolotsana mme ga dinke ke ikopantsha le tse dinamagadi kwa ntle thobalano.
Ke diphologolo tse di boaaka. Mmgo tse di tona le tsedi namagadi di ka robalana le balekani ba le bantsi. Gantsi o tla di fitlhela kwa nokeng di tshameka mo diretseng ka boitumelo.

Bonno

Kolobe ya naga e nna kwa mafelong a a farologaneng mme phatlhalatso ya tsone e bontsha di ikgolaganya le di-woodland Savannah tse di bulegileng.

Di ka Bonwa kwa Kae

Kolobe ya naga e phatlhalletse gotlhe mme e ntsi mo Afrika Borwa. Gantsi di bonwa kwa dipolaseng, mme di santse di busediwa kwa mafelong a di kileng di a fela kwa tsone. Bo ka bonwa gape kwa Zimbabwe, Botswana, Mozambique, Kenya, Zambia le Tanzania. Kwa kruger National park di boniwa fa thoko ga di-savannah tse di bulegileng le kwa didibeng tsa mafelo ao.

Predators

Dikolotswana di ka tsomiwa ke dintsu le diphokoje fa ditau, bophiri, mangau, le dikwena ele manaba a bogolo ba tsone.

Vital Statistics

Leina la Selatini: Phacochoerus africanus
Bokete (Mosadi): 45 - 70 kg
Bokete (Monna): 60 - 100 kg
Sebaka ga go Ima: 3 months
Bana: 1 - 8 piglets
Sexual Maturity: 18 months
Bokete ka Tsalo: 600 g
Order: Artiodactyla
Family: Suidae
Running Speed: 40 km/h
Manaka: Tusks average at 25 cm
Tsalo: Lwetse - Sedimonthule

Spoor Description

Tlhakoana ya yone e tshesanyane mo go ya bushpig. Dinala tsa yone di bonala sentse fa fatshe.

Field Notes

Kolobe ya Naga ke ngwe ya diphologolo tse dirategang thata, Ka e setle e kile ya bonwa mo movieng wa 'The Lion King'. E bile ke ngwe ya dinama tse dirateng kwa sekgweng ka e tsumiwa ke diphologolo dile dintsi koo.