Tlhopho ya Sejadi

© Louise Brodie

Tlhopho ya sejadi sa terebe se rotloediwa ke dilo tse di farologaneng; se se botlhokwa ke mofuta wa mmu le karolo (sekai: mokgokolosa, bogodimo go tswa lewatleng) mmogo le mofuta wa mofeine o o tlileng go tlhagisetswa mmaraka o o rileng. Mo go direng dithulaganyo ka tshimo e ntšha, bogolo jwa karolo ya temô bo tshwanetse go gopolwa. Sekai, bo tla nna le ditlamorago mo kotulong ya dijalo tse pedi tse di farologaneng ka nako e le nngwe. Fa o tlhopha dijadi, nako tsa kotulo tsa dijalo tse di farologaneng di tshwanetse go gopolwa ka kelotlhoko gore o kgone go rulaganya nako ya kotulo.
Fa go tlhophiwa sejadi se se rileng, go tshwanetswe go gopolwa gore sejadi se kane se na le seka-sejadi se le sengwe kgotsa di le mmalwa. Dika-dijadi dingwe di butswa ka pele kgotsa di ka tswa di na le dingatana tse dikgolo mme ka jalo di ka ntsha diterebe di le dintsi. Tlhopho ya medikutu le yona e botlhokwa. Tlhopha medikutu e e siametseng mofuta wa mmu o o tlhomameng. Medikutu ka kakaretso sekasekiwa ka tomamo mo Afrika Borwa kwa masimong a a farologaneng le kwa dijalong tsa kgwebo.

©Louise Brodie
Seno se isitse kwa go dirisiweng ga medikutu e e nang le thibelo e e amogelesegang ya phylloxera le dibokwana tsa nematode, jaaka 99 Richter, 110 Richter, 101-14 Mgt, 140 Ruggeri le 1103 Paulsen, mme gape le Ramsey go mebu e e motlhaba thata le ntshô-kungô e e kwa godimo. Fela mo mmu o kgotlhetsweng ke Phytophthora cinnamomi, 99 Richter e tshwanetse go efogwa.
Maitemogêlô ka ga medikutu mo mofuteng o o tlhomameng wa mmu a tshwanetse go ka kaiwa jaaka modikutu gape o rotloetsa nonofo ya tshimo. Fao tlhagiso e e kwa godimo ya diterebe e tlile go ntshiwa, go fa tlhogo go dirisa medikutu ya Ramsey le US 8/7. Mo dijading tse di tlhokelwang ntshô-kungô e e kwa tlase le boleng jo bo kwa godimo, 99 Richter, 110 Richter le 101-14 Mgt di ka kaiwa.
Go tshwanetswe go rekwa fela dijadi tse di itekanetseng tsa semmuso mme di rekiwe kwa botlhogisetsong jo bo tlhomphegang mme bo kwadisitswe semolao dikgwedi di ka nna 14 go ya 18 pele ga jalô.Translated by Nchema Rapoo