Thekenoloji le Bobatana

©Roger de la Harpe
Tlhabololo ya thekenoloji e ntšhwa e letlelela balemirui go sireletsa diruiwa botoka le go di sala morago le dibatana. Tiriso ya ditheke, ditsaditshwantsho le thekenoloji ya GPS, sekao, di ka dirisiwa go sala morago le go ela dibatana tlhoko, go tlhaloganya botoka mekgwa ya tsone le go thusa balemirui go tsaya ditshwetso tse di maleba ka bolaodi ba bobatana. Kwa dipolaseng tse dikgolo thata, balemirui ba bangwe ba dirisa di-drone go sala diruiwa morago le metsamao ya dibatana.

Dikgoreledi tsa Metšhene

Boemong jwa go konopela boloko ba tau mo tshimong go gago tshosa dibatana, balemirui ga jaana ba ka kgona go reka dikgoreledi tsa metšhene tsa motlakase o o tsamaiswang ka letsatsi, jaaka Skaapwagter, e e ntshang sere se e seng fela se tenang dinko tsa dibatana mme gape se ntsha marang a a kwa godimo thata a a lelekang dibatana. Modumo o o ntshitsweng go tewa gore ga o utlwale go le kalo mo go bathong le dinku, fela o botlhoko mo go dibatana.
Didirisiwa tseno di dira sentle thata mo maemong a a senang phefo mme ga di a tshwanela go bonwa jaaka tharabololo e e emeng e le nosi, mme e le karolo ya botsamaisi ba gotlhelele.

Dikgoreledi tsa Segologolo

Mo boemong jwa go reka kgoreledi ya motšhene ya tlhwatlhwa e e kwa godimo, balemirui ba ka dirisa diradio go bopa medumo mo mafelong a a farologaneng mo lefelong le le tswetsweng, go di fetola le go di sutisa bosigo bongwe le bongwe. Go ka dirwa fela jalo ka mabone a a beilwe ka leano a serolwane, mmala wa namune le bosweu. Foramo ya Bolaodi ba Bobatana, e gakolola balemirui go dirisa dikgoreledi tse ka dikgaotso tsa dibeke di le thataro ka khutsiso ya kgwedi mo magareng.

Didirisiwa tsa monko ga di a tshwanela go dirisiwa go feta dibeke di le thataro, go thibela dibatana go tlwaela monko mme di tshwanetse go fetolwa ka didiriswa tsa dikgoreledi tsa modumo le mabone. Modumo o o kwa godimo ga o a tshwanela go dirisiwa go feta dibeke di le tlhano ka nako mme gape, e seng gaufi le merubisi kgotsa dimamanthane. Le tsona di tshwanetse go fetolwa ka medumo e mengwe.

Disala Morago

©Roger de la Harpe
Tsela e nngwe ya go sireletsa diruiwa ke go di letla go go letsetsa “mogala fa di le mo mathateng”. Ditharabololo tse di farologaneng di setse di tlhamilwe go ya ka kakanyo e, segolobogolo mo Tshalo morago ya GPS ya kholoro e e golaganeng le app mo mogaleng wa molemirui.
Kholoro e bewa mo go nngwe ya diphologolo mo motlhapeng. Go sala phologolo e le nngwe e e tla naya molemirui sesupo sa gore motlhape otlhe o dirang, jaaka fa diphologolo tsa motlhape ka tlwaelo go nna mmogo ka ditlhopha. Sediriso gantsi se romelang SMS kgotsa se tlhame alamo, fa metsamao e e seng ya tlhago e le teng. Ka mafoko a mangwe, fa phologolo ka ponyo ya leitlho e simolola go siya go sena lebaka lepe. Dikholoro ga di thuse fela ka botsamaisi ba bobatana, mme gape e dira thata go thusa go thibela bogodu ba thoto. Balemirui gantsi ba dirisa tshalo morago ga mmogo le ditshaolo morago tse di mmalwa tse e seng tsa nnete go tlhakatlhakanya ba ka nnang magodu a thoto.

Dikholoro tse Dingwe

Dikholoro tsa tshireletso di ka dirisiwa mo diphologolong tse di leng mo kotsing go fitlhela dibeke di le thataro go di sireletsa mo dibataneng tse totang molala. Go seng jalo, dikgoreledi tsa dikholoro, ka sekai ditshipi, tse di ntshang monko o o kgopisang sebatana kgotsa ditsabakedi tsa lesedi di ka dirisiwa. Dikholoro di dira go gaisa fa di fetolwa ka tse dingwe.

Legora la Motlakase

Tiriso ya thekenoloji e ntšhwa ya legora la motlakase e raya gore balemirui ba ka se tlhole ba tlhoka go tsamaya legora lotlhe go supa mathata. Go na le moo, jaanong ba tsiboswa fa kotsi e le teng le go fa lefelo tota la matshosetsing. Tshekatsheko ya ka metlha ya magora, le gale, e sa ntse e le botlhokwa gore thekenoloji e e dire sentle.

Translated by Lawrence Ndou