Stonefish

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Stonefish

Leina la Maranyane

Synanceiidae

Semeto

E ka nna 35cm, fa bontsi bo ka nna 20cm

Ponalo

Ke tlhapi e e kgolwana e e nonneng. Letlalo la yone le bonala o kare le na le aparetswe ke dikakana (warts). Ga e na makwapa a a bonalang. Mebala ya tsone e a farologana go ya ka mafelo a e leng mogo yone ka ga e dirisetswa go iphitlha. Molomo wa yone o bonala o retogetse kwa tlase (upside-down).

Dikitsiso

Lelapa la Synanceiidae le na le mephato e le 8 ka dibopiwa dile 36. E na le kgetsi ya tshefu e e nang le botlhole ba dinerese kwa tlase ga ditlhoko tsa mogatla wa mokwatla. Fa o ka e gata e ka go tlaba ka tshefu e mme o ka tlhokafala. Di rata go kakalela di eme fela mo mafikeng kgotsa mo santeng kwa tlase. Leina la tsone le tswewa kwa sebopegong sa yone. Di tsala ka go tshela mae a tsone mo metsing.

Dijo

E fepa ka ditlhapi tse dinnye, crustaceans le di’invertebrates.

Anamiso

E bonala kwa mawatleng a a didimetseng a mafelo a a bonang dipula tse dintsi le mogote mo lefatsheng.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Stonefish (Synanceia verrucosa)