Squirrelfish

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Squirrelfish

Leina la Maranyane

Myripristinae

Semeto

E ka nna 50 cm, fa bontsi bo ka nna 18 cm

Ponalo

Mmele o sephaphathi, ka bokgolokwe jwa lee le makwapa a a bonalang o kare a bokgwakgwa ka mebala e mebedi. Mogatla o ntlha-pedi tse dikgolo. Matlho a magolo ka nko e pinegileng kwa pele. Gantsi e boshibidu ka mmala ka mela e e elelang kwa tlase ka bosetlhana mmele otlhe.

Dikitsiso

Lelapa la kwa tlase la Myripristinae le na le mephato ele 8 le dibopiwa dile 84. Ke engwe ya leloko la lelapa la Soldierfish. O ka e fitlhel m gdimo ga mafika motshegare kgotsa e iphitlhile mo meketlong/mephatlholong kgotsa ka fa tlase ga mafika.
Di rata go tsoma masigo. Di ikgethela mafelo aa nang le phothoselo ya metsi e e kwa godimo. Tse dingwe di na le mmitlwa fa thoko ga magalapa a go hema mme e ka tlhaba ya tlogela ntho ee botlhoko. Di tsala ka go tshela mae mo metsing (Pelagic spawners).

Dijo

E fepa ka plankton e tona jaaka di-crustacean plankton larvae.

Anamiso

E bonala kwa mawatleng a a mofuthu, a a bonang dipula le mogote.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Squirrelfish - Sargocentron diadema
Saber squirrelfish - Sargocentron spiniferum
Tailspot squirrelfish - Sargocentron caudimaculatum