Segagane ke moalô o mosweu wa metsi a a swileng bokgapetla fa dithemphoritšhara tlase mo boalông jwa lefatshe di le kwa tlase ga 0ºC. Segagane se ka bonwa fa fatshe kgotsa mo dijalong tse di gaufi le mmu. Dijalo dingwe di gobala mo go maswe kgotsa di a swa mo dithemphoritšhareng tsa boswakgapetla, seno se bakwa ke makgabana a dikgapetla a a ka mo gare ga sejalo, ka jalo segagane ke tekanyi ya bosa e e botlhokwa go sweetsa matshwanedi a sejalo mo kgaolong ya bolemirui e e tlhomameng.
Palo ya malatsi a segagane se diragalang ka ona a ka se ame sejalo thata jaaka palo ya malatsi a a tlhomaganeng a segagane.
Dijalo di na le dithemphoritšhara tlase tse di farologaneng tse kwa tlase ga tsona dijalo di tlileng go gobala mo go maswe kgotsa tsa swa. Themphoritšhara e farologana ka go atologa magareng ga mefuta e e farologaneng ya sejalo. Dijalo dingwe, jaaka dijalo tsa tropical le tsa subtropical di ka tswa di setse di sule mo themphoritšhareng ya 5ºC.
Go sweetsa gore ke sejalo sefe se o ka se jalang mo kgaolong ya gago, o tla tlhoka go sekaseka botshaba-segagane jwa sona.
‘Segagane se se ntsho’ ke fa dithemphoritšhara tse di kwa tlase ga boswakgapetla di tlhagelela mme fela segagane se se sweu se sa bonagale. Seno ga se diragale gantsi, ke gangwe fela mo dingwageng di le mmalwa, fela se tletse tshenyô go fetisa segagane sa ka metlha se se sweu, mme se ka bolaya dijalo le dikarolo tsa ditlhare tota.
‘Letlha la matseno’ la segagane se se golo le kaya bokhutlo jwa setlha sa kgolô go dijalo tse di tshabang segagane ka paka ya tsona ya go butswa.
Fa sejalo se ise se butswe ka letlha la gotswa, ditatlhegelô tsa ntshô tse di masisi di ka direga. Go direla morago gotswa mo letlheng le, molemirui a ka fopholetsa letlha la bofelo la jalô gore a efoge segagane ka paka ya go butswa.
Kwa dikgaolong tsa mmidi tsa Sandvet, Vaalharts, Orange-Riet, Douglas le Lower Orange River, letlha la matseno la segagane e ka nna 20 Motsheganong. Mmidi wa setlha-telele, eleng setlha sa kgolô se se ka nnang malatsi ale 150, o tshwanelwa ke go jalwa pele ga bogare jwa Sedimonthole.
Mo dijalong tse di golang ka mariga tse di tshabang segagane ka legato la matlhogela la tsona, matlha a jalô a ka rulaganngwa gore sejalo ebe se fetile legato la kamego-bonolo la sona fa segagane se tlhagelela.
Letlha la gotswa ke tshimologo ya setlha sa kgolô go dijalo tsa selemo tse di tshabang segagane ka motsi wa magato a tsona a matlhogela.
Kwa dikgaolong tsa temô tse di nosetswang ke pula, jalô e tshwanelwa ke go dirwa fela morago ga ‘dipula tsa jalô’ tsa ntlha.
Kwa dikgaolong tsa temô tse di nosetswang, jalô e ka dirwa fela fa matshosetsi a segagane a sena go feta mme dithemphoritšhara di le kwa godimo mo go lekaneng. Go dijalo tsa selemo tse di rekiswang go sale gale jaaka merogo, magapu le marotse, seno ke bomolemô malebana le go fitlhelela ditlhwatlhwa tse di ntle.
Dipolase mo dikarolong tse di mo bogareng jwa Afrika Borwa tse di nang le dipaka tsa segagane tse di telele di le makgwakgwa, di kwa godimo ga boalô jwa lewatle tsotlhe kgakala le lewatle. Masigo a mariga a a senang maru le mowa o o omileng di tsenya seatla mo go nneng teng ga segagane.
Gaufi le dikema tsa nosetsô kwa Free State le Kapa Bokone, paka ya segagane e tota ele telele, go tloga ka malatsi ale 91 go fitlha go ale 120. Dipolase ka mo gare le go dikologa dikema tsa nosetsô kwa Kgophung ya Limpopo, bokone jwa Porofense ya Limpopo, Nagatlase (diporofense tsa Mpumalanga le Limpopo) le plateaus tsa diporofense tsa KwaZulu-Natal, Kapa Botlhaba le Kapa Bophirima di na le paka ya segagane e khutshwanyane ya malatsi ale mmalwa fela ka ngwaga go fitlha go malatsi ale 30 a segagane.
Kwa Kapa Botlhaba, paka ya segagane, malatsi ale 1 – 30, e khutshwafaditswe ka ntlha ya thotloetso ya dikgophu tsa noka tse di boteng mo themphoritšhareng. Dikgophu tseno di bothithonyana go feta plateau ya Kapa Botlhaba mme ka jalo di na le segagane se se nnye. Dikema tsa nosetsô tsa Kapa Botlhaba ka bontsi di kwa dikgophung tseno.
Go na le mosetwana o o sephara o o senang segagane go ikala le lobopo lwa bokone jwa KwaZulu-Natal ka ntlha ya thotloetso ya moela wa lewatle wa Mozambique o o bothitho. Seno se akaretsa sekema sa nosetsô sa Makhathini. Dijalo tsa subtropical, sekai, dipanana, avocado, guava, tota le dijalo tsa tropical, manoko a cashew, di ka jalwa fano.
Patlisiso ya dipalema tsa coconut, sejalo sa tropical, e dirilwe kwa polaseng ya tekeletso ya Makhathini.
Dikgaolo tse di senang segagane mo Afrika Borwa di akaretsa matshitshi a Kapa Botlhaba le Kapa Borwa ga mmogo le KwaZulu-Natal. Kgaolo e tshesane e e tlhokang segagane mo melelwaneng e e kwa botlhaba jwa diporofense tsa Mpumalanga le Limpopo, e rapaletse ka bogolo ka mo gare ga Kruger National Park.
Translated by Nchema Rapoo