Sebopego sa Setso kwa Mapungubwe

Torong e e Gakgamatsang ya Lekgaba la Tlhago

©Roger de la Harpe

Torong e e gakgamatsang ya lekgaba la tlhago, e tsentse gape mo tirong ka dikgaolo ke dipota tsa ditiro tsa matlapa a a omeletseng, ke bogare jo bo sa fetogeng mme e se tlwaelo ya bogosi jwa ntlha jo bo itsegeng mo Aforika Borwa.

Mapungubwe e godile jaaka bogosi bo bo botlhokwa ba kgwebo kwa tlhakanong ya dinoka tsa Limpopo le Shashe (moo Aforika Borwa, Botswana le Zimbabwe di tlhakanang gona) go tswa 1220 go fitlhela1290, fela e ne ya lemogwa fela ka bo1930. Botaki ba gauta boo bo epolotsweng kwa Mapungubwe, bo bo bopang karolo ya boswa jwa bosetšhaba, jaanong bo tsewa jaaka boswa bo go golo thata jwa dingwaga tsa tshipi mo Aforika Borwa.

Mapungubwe

©Roger de la Harpe

Le mororo botaki ba Mapungubwe, gauta, tshukudu ya gauta, thobane le sejana, di mo pontsheng kwa Yunibesiting ya Pretoria, o ka tswelela go ka kaelwa ka mafelo a a farologaneng a tsa thuto ya go epa dilo tsa kgale kwa Phakeng ya Bosetšhaba ya Mapungubwe – eo e tla nnang karolo ya Phaka ya Molelwane wa Limpopo- Shashe e se kgale.

UNESCO e tsaa lefelo le go nna le maemo a boleng jwa lefatshe lotlhe''. Se se kgatlhang thata ke lekgaba la motlhaba wa matlapa le le nayang lefelo le leina la lone, mme gongwe e dirile jaaka mošate wa bogosi wa kgwebo e e godileng ka dingwaga tse 1000 tse di fetileng.

Lefelo la Tlhanolo la Mapungubwe

©Roger de la Harpe
Kwa Moletlong wa go Aga wa Lefatshe kwa Barcelona ka Ngwanaitsele 2009, Lefelo la Tlhanolo la Mapungubwe kwa Limpopo, le le tlhamilweng ke setlamo sa Baagi sa Peter Rich sa kwa Johannesburg, e ne ya kaiwa e le 'kago ya ngwaga ya lefatshe' e tshwana le sengwe se se fa gare ga lefelo la dintlhwa le le golo mme Gaudi se a ka bong a se dirile o ne a kopilwe go tlhama kago e e nang le kutlwano le Phaka ya Bosetšhaba ya Mapungubwe le setso sa kgwebisano eo e e tsenyeletsang go tswa go rotloediwa e bogareng ya marulelo a ileng kwa godimo a kota a e keteng ke ditsie mme kwa ntle okare ke dithotobolo le dithara tsa lefatsheng tse di tlhamilweng mo lefelong ke batho bao ba sa direng ba nako e e fetileng, se ke mokgwa wa go aga ka tlhago bo bo so bonweng mo nageng e go tloga ka nako ya Kapa le Seholane.Translated by Lawrence Ndou