Sausage Tree
Moporoto

© Shem Compion

Leina

Moporoto [Kigelia Africana]

Leina La Se-Latin

Kigelia pinnata

Thanololo

Moporoto wa Sub-Sahara Afrika o montle ka dithunya. Dithunya tse di hibidu go ya maroon di kaletse mo kalaneng tse di telele. Monkgo wa sethunya ga o monate go batho fela o gogela mmamanthwane wa leungo (Micropteropus pusillus), eleng seungwisi sa sethunya seno. Ga ntse dithunya di tlhotlhorega go tswa mo setlhareng, diphologolo di tla go iphepa ka sethunya seno se se matute.
Phala, phuti, ditshwene, kolobe tsa naga le dinonyane di iphepa ka dithunya tsa Moporoto. Maungo a masetlha a tlhoga mo dithunyeng tseno. Maungo a masetlha ano a lebega jaaka borôsô mme a ka gola dikgwedi-kgwedi go fitlha a nna boleele jwa lenao le bokete jwa 10 pounds.

Dithunya le leungo

Dithunya tse di hibidu tsa Moporoto wa Afrika Borwa di thunya bosigo mo dikalaneng tse di telele tse o kareng mogala mme di lepeletse gotswa mo dikaleng tsa setlhare seno. Dithunya tse di monkgo di le matute di ungwiswa ke bo-mmamanthwane, ditshenyekegi le senwabolôpe kwa tikologong tsa tsona tsa tlhago.
Maungo a a butswitseng a lepelela gotswa mo dikalaneng tse di telele jaaka diborôsô. A ka nna boleele jo bo fitlhang 2 feet (0.6m) ka bokete jo bo fitlhang 15 pounds (6.8kg).

Ditiriso

Letlapi la leungo le diriswa mo go bidisiweng ga bojalwa jwa selegae. Diphotlwa di diriswa mo meetlong ya sedumedi, mme di ntsha sefetolammala se se hibidu fa di bidisitswe. Setlôlô se diriwa go tswa mo leungong mme se diriswa go alafa malwetse a letlalo. Dipapagae tsa Meyer di rata dithôtse tsa lona.
Mekoro e dirwa go tswa mo dikutung le medi e megolo ya Moporoto. Mekoro eno e ntse e diriswa jaaka dipalangwa dingwaga di le dikete-kete kwa nokeng ya Okavango kwa Botswana. Maungo ga a jewe fela matlapi a ona a setliwa le go silwa mme a diriswe jaaka molemo wa kwa ntle ga mmele. Tiriso ya ona e e botlhokwa ke go alafa malwetse a letlalo, segolo thata kankere ya letlalo.
Leungo le a fisiwa go nna molora mme le betsakwe le metsi le mafura ka motshe go dira sekgomaretsi se se tshasiwang mo letlalong.

Di fitlhelwa kae

Moporoto o fitlhelwa go tswa borwa jwa Sub-Sahara Afrika go ya kwa bokoneng jwa Afrika Borwa.