Rock Hyrax
Pela

© Roger de la Harpe

Leina

Pela – Ga jaanong e bidiwa Rock Hyrax ka sekgowa (Procavia capensis)

Tebego

Pela ke ntsalaago Tlou ya Afrika o a santseng a phela, le fa gona le phapaano e kgolo ya mmela. Botsalano jo jwa tlholego bo tlhomamiswa ke sebopego se se tshwanang sa dinao le meno.

Phepo

Pela e iphepa ka dimela. E ja dijo tse di fapaaneng, fela e ithatela tlhaga fa ele teng mo setlheng sa dipula. Fela, ka nako ya komelelo e ijela semela sengwe le sengwe se e se bonang. Dimela tse di kaiwang di le botlhole le tse di monkgo-monate, bo-malele a ka dirisiwa ke dipela mo setlheng sa komelelo.

Tsadiso

Di tsala go sale gale mo selemong morago ga go dusa kgwedi di le supa. Botshegadi bangwe ba ka dusa pele ba tshwara ngwaga. Bana gantsi ke ba babedi go ya go le ba bararo. Tonanyana e le nngwe e e maatla e ka dula le ditshegadi di ka fitlha 17 mo setlhopeng sa sethepu. Di tonanyana tse di setseng di nonofile di phela gaufi le setlhopa se se jalo sa sethepu.

Maitshwaro

Dipela di rata go athamela letsatsi mo godimo ga majwe, segolo bogolo mo mesong le mo thapameng. Dipela di tsomiwa thata ke boNtsu, boThwane le boNkwe.

Di fitlhelwa kae

Jaaka go kaiwa ke leina la yona la setho, e rata go dula mo bodulong jo bo matlapa go ralala borwa jwa Afrika. Dipela di kgona go nna le mo ditlhareng, kwa felo fo ditlhare tse kgolo di fitlhelwang gaufi le mhapha teng.

Dipalopalo tsa botlhokwa

Leina la se-Latin: Procavia Capensis
Bokete (Tshegadi): 2,5 - 4,2 kg
Bokete (Tonanyana): 3,2 - 4,7 kg
Botelele (Tshegadi): 55 cm
Botelele (Tonanyana): 55 cm
Nako ya go dusa: Dikgwedi tse 8
Palo ya bana: 1-6
Tshimologo ya thobalano: Dikgwedi tse 17
Bokete ka tsalo: 165 - 230 g
Lotso: Hyracoidea
Tshika: Procaviidae
Tsadiso: Ngwana a le nosi go ya go le ba bararo ba tsalwa ka Lwetse/Diphalane le ka Mopitlwe – Moranang morago ga go dusa dikgwedi di ka etsa 7.

Tlhaloso ya motlhala

Ena le menwana e mene mo dinaong tsa kwa pele le menwana e le meraro mo dinaong tsa kwa morago. Menwana yotlhe ena le manala, ntle fela le monwana wa ka mogare wa lenao la kwa morago, o o nang le leroo le le kobegileng la go itlhokomelo. Dikgato tsa maoto ga di a apesiwa, letlalo la ona le lekima mme lena le bokgeleswa jo bo le tshwarang bo le bongola go oketsa go ngangatlela ga yona. Seno se dira gora e kgone go namela manamelo a a borethe a majwe kgotsa go namela ditlhare ka majato.