Rhebuck
Lehele le Lesetlha

© Roger de la Harpe

Leina

Lehele le Lesetlha [Pelea capreolus]

Tebego

Bokete jwa lona bo fitlha go 30kg, ka boleele jwa legetla jwa 700-800mm. Ke antelope e tshesane, ka molala o mo telele, mmele o le mo magareng.
Ena le ditsebe tse di telele di le ditshesane ka nko e e kgolokwe, ka kobo ya bobowa mme ele tshweu ka fa tlase. Ke tse tonanyana fela tse di nang le manaka a a emeletseng, a tlhamaletse, a le motsu ka boleele jwa 150-250mm, a gwaegile kwa thitong.

Phepo

Antelope eno gantsi e a fula mme ena le mokgwa wa go kopakopanya dijo. E fula ditlhatshana le dimela. Medi, ditlhaka le dithunya e di fula ka Seetebosigo go fitlha ka di Phalane.

Tsadiso

E tsadisana go ya ka setlha, thobalano e diragala ka Tlhakole le Moranang. Konyana e le nngwe e belegwa morago ga go dusiwa dikgwedi di le robedi.
Dinamagadi tse di dusang di tlogela motlhape matsatsi a le mararo pele ga pelego. Morago ga pelego, dinamagadi di fitlha dikonyana dibeke di le thataro, mo nakong eo dintshiwa kgapetsa go amuswa.

Maitshwaro

Di na le dikamano tse di matswakabele, phologolo eno e fitlhelwa mo ditlhopheng tse di nnye tse di nang le ditonanyana di ka fitlha go 12, dinamagadi tse di mmalwa le dikonyana. Ditonanyana di na le go phela di le nosi.
Di lefufa ka kgaolo ya tsona ebile di kgona go sireletsa kgaolo tseo. Di dira modumo wa go sunetsa, wa go bokolela le wa go suma. Di matlhagatlhaga thata mo motshegareng mme di ikhutsa fa go nna mogote.
Di kgona go tlola thata mme di siana ka mokgwa wa tsona fela o o kareng wa dipitse, di ragaraga maoto a kwa pele le a kwa morago fa di tlola.

Tulo

Di ithatela sekgwa sa tlhaga se senang le matlapa mo gare ga dithabana.

Ditsumi tsa yona

Tau, Nkwe, Phiri, Letlhalerwa la Kapa, Tlhware le Phokojwe.

Dintlha Tlhagiso

Ntlha e e sa itsiweng thata ke gore Lehele ke modi wa brand ya metshameko ya Reebok. Leina leo le tlhopilwe ka ntata ya bokgoni jwa Lehele mo dithabeng mme gompieno Reebok ke nngwe ya di brand tse kgolo mo lefatsheng.