Requiem Sharks

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Requiem sharks

Tse dingwe tsa Lelapa

Black-tip, Blue shark,Tiger shark,Oceanic white-tip,White-tip reef shark and Bull shark

Leina la Maranyane

Carcharhinidae

Semeto

E ka nna 5 m

Ponalo

Tiger shark (Galeocerdo cuvier): E bosetlhana kwa godimo ka matshwao a a lefitshwana a mmele a a tshwanang le a tiger. E ka nna boleele jwa 5m, fa tse bontsi ba tsone bo ka nna 3m ka boleele.
Black-tip shark (Carcharhinus limbatus): e na le nko a e mutsu, magalapa a gohema a maleele. Mo megatleng ya kwa mokwatleng, ya kwa sefubeng, kwa mathekeng le kwa morago e na le dintlha tse dintsho. E ka nna 2,8m ka boleele, fa bontsi ba tsone bo ka nna 1.5m ka boleele.
Blue shark (Prionace glauca): Mmele wa yone o moleele, o bopame kwa pele le kwa morago. E na le megatla ya kwa sefubeng e meleele thata. Mmele kwa godimo o mmala wa botala ba legodimo. Dintlha tsa megatla ya kwa sefubeng le ya kwa maragong di bontsho. E ka nna 4,5m fa bontsi ba tsone bo k nna 1.m ka boleele.
legwaragwara la Bull shark (Carcharhinus leucas): E itsege gape ka leina la Zambezi shark. Mmele oo tsepameng ka nko e e pinegileng ka bokgolokwe. Mogatla wa mokwatla o sephara mme o supile(pointed). Mmele wa yone o bodetlha ba borokwa kwa godimo. E kgona go tsamaya mo metsing aa senang letswai.
Legwaragwara la Oceanic white-tip shark (Carcharhinus longimanus): Megatla ya kwa sefubeng le ya mokwatla e metelele, mme o kare diphuka. Mogatla wa ntlha wa mokwatla, wa sefuba, le oo kwa tlase kwa morago e na le letshwao le lesweu mogo yone. E borokwa le bosetlha mo mokwatleng wa yone.
Legwaragwara la White-tip reef shark (Triaenodon obesus): Mmele o mosesane, mme o mokhutshwane ka nko e e pinegileng kwa pele. Borokwa le bosetlha kwa godimo ka ditsubaba tse di lefitshwana. Ntlha ya mogatla wa wa kwa pele wa mokwatla,le karolo ee kwa godimo ya mogatla wa kwa morago e na le letshwao le lesweu.

Dikitsiso

Lelapa la dibopiwa tse,le na le mephato e le 12 le dibopiwa dile 50. Meno a tsone a tshwana le magare a a bogale, mme a na le ‘cusp’. Legwaragwara le, le na le magalapa a go hema a matlhano. E na le matlalo a go tswala matlho a mararo a a bidiwang ‘nictitating eyelids’.
E ka bona bokete ba 900kg. Di itsege thata ka go tlhasela batho mo metsing. Viviparous, Bana ba tsalwa ba agegile ka botlalo. Tse dinamagadi di tsala morago ga dingwaga dile 3. E ka tsala bana ba ka nna 10-100 go ya ka gore ke mofuta ofe wa mophato wa dibopiwa.

Dijo

E fepa ka go ja ditlhapi, di’seals, le dinonyane, le magwaragwara a mannye, di’squids, dikhudu.

Anamiso

Anamiso ya yone e aparela mawatle otlhe a lefatshe kwa mafelong a mogote le dipula.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Tiger shark (Galeocerdo cuvier)
Black-tip shark (Carcharhinus limbatus)
Blue shark (Prionace glauca)
Bull shark (Carcharhinus leucas)
Oceanic white-tip shark (Carcharhinus longimanus)
White-tip reef shark (Triaenodon obesus)