Rabbitfish

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Rabbitfish

Leina la Matshamekwane

Spinefoot

Leina la Maranyane

Siganidae

Semeto

E ka nna 40 cm, fa bontsi bo ka nna 30 cm.

Ponalo

Mmele wa tsone o sephaphathi, ka sebopego sa kgolokwe le molomo oo eteletseng kwa pele. Molomo o monnye. Mogatla wa mokwatla o elela kwa morago, ka mebitlwa e e lekalekanang.Mogatla wa kwa morago o ntlh-pedi (forked). Mebala e e bonalang gantsi ke bosweu le mmala wa lephutshe ka ditsubaba tse di borokwa kgotsa mmala wa borokwa jo bo mekamekaneng.

Dikitsiso

Lelapa la Siganidae le na le mephato e le 2 le dibopiwa dile 27. E bidiwa Rabbitfish ka lebaka la nko ya yone ee tshwanang le ya mmutle. Mebitlwa ya yone e na le botlhole. O ka di fitlhela ka makoko kgotsa di le pedi fela mo godimo ga mafika a lewatle, gantsi mo metsing a a seng boteng thata. Di dirisa meno a tsone go natha algae e e leng mo matlapeng. E kgona go fetola mmala wa yone go iphtlha. Di nna matlhagatlhaga motshegare. Di tsala ka go tshela mae a tsone mo metsing.

Dijo

E fepa ka ‘benthic algae’ – E ja merogo fela (herbivore).

Anamiso

E bonala kwa metsing a Indo-Pacific le Mediterranean.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Coral rabbitfish (Siganus corallinus)
Foxface rabbitfish (Siganus vulpinus)
Whitespotted rabbitfish (Siganus sutor)