Porcupinefish

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Porcupinefish

Leina la Matshamekwane

Blowfish, Balloonfish, Globefish

Leina la Maranyane

Diodontidae

Semeto

Eka nna 90 cm, fa bontsi bo ka nna 35 cm.

Ponalo

Mmele o kgolokwe mme o bopame go ya kwa tlhogong le kwa mogatleng. Tlhogo gantsi e tona go feta mmele. E na le mebitlwa e meleele le e mekhutshwane mmele otlhe. Mno a magolo mme e tshwana le nko ya nonyane (beak). Mebala e a farologana – gantsi o ka bona borokwa ka ditsubaba tse di-bosetlha kgotsa mmala wa lephutshe.

Dikitsiso

Lolapa lwa diodontidae le akaretsa ditlhopha di le 6 le mefuta ele 19. E ratile go tshwana thata le Pufferfish, fela e na le marapo a mokwatla. Marapo a mokwatla a tsepaletse sa leruri kgotsa a ka tsepalala fa e tshositswe. Marapo a mokwatla a mefuta mengwe a botlhole.
Di ka budulêla mebele ya tsona ka go tontela metsi. E ka neela malomô a a kotsi fa e rumotswe. E fitllhelwa kwa matlapaneng a a gaufi le lewatle, e itphitlhile motshegare ka fa tlase ga majwe. Ke sebeela-mae sa ka mo lewatleng.

Dijo

E fepa ka di-urchins, molluscs, sponges le makakauwe (crabs).

Anamiso

E bonala kwa mawatleng a a mofuthu, a a bonang dipula le mogote.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Porcupinefish (Diodon hystrix)
Shortspine porcupinefish (Diodon liturosus)
Yellowspotted porcupinefish (Cyclichthys spilostylus)