Popêgô-fatshe ya Richtersveld

Tshimologo ya go Gotela

©Jacques Marais
Fa re tlolela kwa pele dingwaga di le 100 million, kontinente-kgolo ya Gondwanaland e ne ga jaana e fapoga ka iketlo go ralala kgaolo ya nagagodimo ya borwa mme lefatshe le ne le apesitswe ke mealo e mekima ya kgapetla. Difôrô tse di kgobotsweng ke dikgapetla tse di tsamayang tseno di santse di ka bonwa kwa Grasdrift, gaufi le Richtersveld National Park, le kwa Nieuwoudtville.
Ka dingwaga di le 270 million tse di fetileng, lefatshe le ne le sutile gotswa mo kgaolong ya nagagodimo mme dilo di ne di simolola go gotela. Ka tshwanno, dikgapetla di ne tsa simolola go gakologa, di tlogela kwa morago disiti tsa dikgapetla tse di neng ya nna setlhopha sa tillite sa Dwyka. Seno se tshwaya tshimologo ya Setlhopha-kgolo sa Karoo, se se atologelang kwa bogolong jwa nagagare ya ga jaana ya Afrika Borwa. Disiti tseno di anamisitswe ka go sa lekalekane mo kgaolong ya Namaqualand, di pagame mo godimo ga majwe a Setlhopha sa Nama.

Motsubutlo wa Popêgô-fatshe

©Shem Compion
Mo nakong e e ka nnang ele nngwe le ya go bopega ga Dwyka, kgaolo yotlhe e ne ya itemogela paka e e atologileng ya tsubutlego ya popego-fatshe, fa Gondwanaland e simolola go kgaoganela mo go se ga jaana eleng mafatshe a kontinente ya Amerika Borwa le ya Afrika. Seno se bakile go menega go go tletseng ditiragalo ga mealo ya majwe le go ahead go go magoletsa ga dithaba go ralala kgaolo. Jaaka karolo ya ditsubutlo tseno, mogorogoro o mogolo o ne wa bopega go ralala kgaolo ya Karoo le kwa dikarolong tsa Namaqualand tse di kwa borwa-botlhaba. Ditlhopha tsa Ecca le Beaufort di ne tsa gogolelwa mo mogorogorong, go bopa bodilô jwa bontsi jwa setlhopha sa dimela le ditshedi tse di tsadisansng tsa Nama-Karoo.
Jaaka karolo ya tsamaiso eno, bogodimowatle le bone bo ne ba ya tlase go senola mabala a lobopo, mme dinoka tse di elelang goya tlase le lobopo lo lo ntšhwa di ne tsa tswelela go gogola mabala a a tsholetsegileng. Seno se bakile, gareng ga tse dingwe, go bopiwa ga Fish River Canyon (ya bobedi ka bogolo mo lefatsheng, morago ga Grand Canyon kwa Amerika Bokone). Ka nako e, kgaolo ya Namaqualand e ne e setse e omeletse mme ditotoma tse di satswang go senolwa tsa lewatle di ne tsa simolola go khurumetswa ke megogolego e e motlhaba.

Palo ya Ditaemane

©Nigel J Dennis
Karolo e e latelang e e botlhokwa mo tiragalong e diragetse dingwaga di ka nna 120 million tse di fetileng, fa motseletsele wa dipeipi tsa sekgwamolelo o ne o ikgarameletsa kwa godimo gotswa mo Mantle goya kwa bodilông. Dipeipi tseno tse di sebopego sa fanele di ne di tshotse mokoa o mogolo wa ditaemane, tse di ipopileng mo boteng jwa go fitlha 250 km fa godimo ga bodilô. Matlapa a taemane a ne a tsentswe ka mo gare ga letlapa le le kgethegileng le le bidiwang Kimberlite.
Mo dingwageng di le diketekete tse di latetseng, dipeipi tseno tse di tshotseng taemane di tsa gogolwa ke dinoka (segolo thata Noka ya Orange) mme khumo e e galalelang e ne ya elela goya kwa Atlantic. Ditaemane ka jalo di ne tsa gogolelwa go ikala le dintshi tsa Orange le kwa molomong wa noka, mme moalo o mokima go gaisa wa lekgwarapana la taemane o ne wa alwa mo magareng a dingwaga di le 20 le 15 million tse di fetileng.
Ka dingwaga di le 100 million tse di fetileng, Amerika Borwa le Antarctica di ne di kgaogane le lefatshe la Afrika mme seka-kontinente sa Afrika (se se kileng sa nna mo bogareng jwa kontinente-kgolo ya Gondwana) ga jaana se ne se dikaganyeditswe ke metsi. Seno se ne sa baka gore karolo e e kwa ntle ya kgolokwe e ‘phutlhame’, go lere tlhamô ya lebala la lobopo le le kwa tlase le le neng la kgaoganngwa le plateau e e kwa godimo ya nagagare ka ‘mokgokolosa’ o mogolo.

Kgaolo e Kgolo ya Mosele wa Metsi

©Roger de la Harpe
Ka nako e, noka e e tlileng go nna Orange (kgotsa !Gariep) e ne e setse ele mosele wa metsi o mogolo mo kgaolong. E tlholegile kwa dinageng-godimo tsa Lesotho mme ya elela goya ntlheng ya bophirima go tsena mo Lewatleng la Atlantic gaufi le Alexander Bay ya gompieno. Mme, dingwaga di ka nna 65 million tse di fetileng, tiegô e potlana ya popêgô-fatshe e ne ya baka gore Orange e fetole motsamao wa yona. E ne ya fapogela ka maatla kwa borwa mme ya elela go ralala Koa Valley go fitlhelela Atlantic gaufi le molomo wa Noka ya Olifants ya gompieno. Seno se ne se raya gore ditone di le million tsa makgwarapana a a rweleng taemane di ne ga jaana di tlhatsetswa mo lewatleng, mme morago di rwalelwe kwa lobopong ke moela wa Benguela o o elelang goya bokone.
Fela, dingwaga di le 50 million morago ga fao, kgoreletsego e nngwe ya ka fa tlase ga lefatshe e ne ya baka gore Orange e boele kwa tseleng ya yona ya tlholego go ralala Richtersveld goya Alexander Bay. Ditlamorago tsa goya tlase le godimo gono ke gore lobopo lotlhe lwa bokone-bophirima lwa Afrika Borwa, mmogo le lobopo lwa borwa lwa Namibia, le nyeuma ka taemane. Fa re tswelelapele, lobopo lo lo kwa bophirima lwa Afrika Borwa le ne la tswelela go omelela mo dingwageng tse di latelang di le di-million di le mmalwa.
Sekaka sa Namib, sengwe sa tsa bogologolo go gaisa mo lefatsheng, ka jalo se ne sa tlholega mo magareng a dingwaga di le 40 le di le 25 million tse di fetileng. Kwa bofelong, mo dingwageng di le 5 million tse di fetileng, moela o o tsididi wa Benguela (o o tlholegileng kwa Antarctic) o ne o fetogile lebaka le le golo la maêmô a bosa mo kgaolong eno e e omeletseng. Seno se diragetse ka nako ele nngwe le phetogo ya maêmô a bosa e e boneng Namaqualand e fetoga gotswa mo go nneng kgaolo ya tshologo ya dipula tsa selemo go nna ya tsa mariga.

Lebala la Lobopo la Namaqualand

Phetogo e kgolo ya bofelo ya popêgô-fatshe e simolotse dingwaga di ka nna 5 million tse di fetileng, fa lebala la lobopo la Namaqualand le ne le tlhatlhoga. Seno se ne sa senola ditotoma tsa lewatle di le mmalwa tse di neng di khurumeditswe ke mefuta ya motlhaba ele mmalwa. Fela, se se neng se tswakane le motlhaba, e ne ele di-million tsa matlapa a a boleng a taemane a re a umakileng fa godimo, mme mealo eno ya makgwarapana e santse e epiwa le gompieno. Re tshwanetse go lemoga gape gore disiti tsa lewatle tse di saletseng ka fa tlase ga metsi le tsona di na le ditaemane, mme tsona di tsewa ke dikepe tsa taemane tse di monyêlang motlhaba o o boleng le go o isa kwa madirelong a go tlhaolelwang mo go ona kwa ntle ga lewatle.
Selo sa bofelo se se ka kaiwang: matlapa a sešweng mo kgaolong a fitlhelwa go ikala le dintshi tsa Noka ya Orange, kwa mealong e mekima ya mmu e kokoaneng ka ntlha ya morwalela teng. Dingwe tsa dintshi tseno di kwa bogodimong jwa 30m go feta seêlô sa ga jaana sa bogodimowatle, go supa merwalela e megolo go gaisa mo borwa jwa Afrika. Letlha la majwe ano le bontshitse gore mengwe ya merwalela eno e diragetse dingwaga fela di le 700 tse di fetileng, mme seno se kaya fa e ka diragala gape!

Lefatshe la Dipharologanyô

Ka jalo re fitlha kwa bokhutlong jwa karolo eno ya kgang, mme ditlamorago tsa bofelo ke tikologo e re e bonang gompieno: losi lo lo makokoma lo lo tsididi, ka lebala la lobopo le le bulegileng la motlhaba, le le kgaogantsweng le nagagare e e mogote e e omileng ka metseletsele ya dithaba tse di makêkêtê. Ka nnete ke lefatshe la dipharologanyô, le le emeng mo matlapeng a phetogopego a a tswang mo masaleding a sekgwamolelo.
Jaaka Francois Odendaal le Helen Suich ba kwala mo bukeng ya bona ka ga Richtersveld, “Go na le mafelo a le mmalwa mo Afrika Borwa kwa palo e e kwa godimoi jaana ya popêgô-fatshe e bonalang teng, mme ke ka ntlha ya mefutafuta eno e e farologaneng ya majwe, mmogo le metlhatlhogô e e farologaneng ya ona, e e bakang gore go nne le mefutafuta ya ditshedi kwa Richtersveld, mme seno kwa morago se dire gore mefutafuta ele mentsi ya dimela e kgone go gola.

Translated by Nchema Rapoo