Phepô-Tlaleletsi ya Dipodi

©Marinda Louw
Podi e bona bontsi jwa dikotla gotswa mo phulông mme e tlhoka go diura di le 6 - 8 ka letsatsi di fula tlhaga le go ja matlhare. Phepô ya dipodi tsa gago e tshwanetse go tsepamisa tlhaloganyo mo taolông ya naga gore kotlô e e tlhokwang ke phologolo e rebolwe ke phulô ya tlhagô ka fa go kgonagalang ka teng.
Fa boleng jwa dijo bo fokotsega ka paka ya komelelô, morui o tshwanetse go tlamela dijo tsa tlaleletso. Phepô ya ditlaleletsi ga e nne mo boêmông jwa phulô ya tlhagô, e tlatsa fela ditlhokegô.
Phulô ya tlhagô ke sefepi se se tlhwatlhwa-tlase go gaisa sa dipodi mme ditshenyegelo tsa tlhagiso di tlile go oketsega le phepô-tlaleletso, fela phepô-tlaleletso e nna botlhokwa thata fa dipodi di le mo legatong la bofelo la go dusa kgotsa legato la go sale gale la ntshô-mašwi. Ditlhokegô tsa phepô tsa kapater (phôkô e e fagotsweng) kgotsa namagadi e e moopa di a tshwana, fela mo ntshông-mašwi ditlhokegô tsa dikotla tsa podi di oketsega ka 50%. (Phepô-tlaleletso ya kapater e tlile go neela dipoelô fela ka motsi wa komelelô, kgotsa fa go iswa kwa tlhabong.)

©Marinda Louw
Phepô-tlaleletso e tshwanetse go akaretsa bonnye mefuta ele mene ya furu go netefatsa phepô e e tsepameng. Mo godimo ga fao, diphologolo di tlhoka maatla le protein go dula di itekanetse. Mo go seno, difuru tsa monawa (cowpeas, alafalfa) di na le protein e e kwa godimo mmogo le maatla. Furu e e bolokilweng (e tshwanetse go tsholwa e omeletse go ithibela go nna mouta) e ka fepiwa go tlamela dijo ka paka ya komelelô.
Difepi tse di loileng, dirisa e ka nna 400g ka letsatsi go podi ya segolwane e e sa duseng, di ka rebolwa jaaka setlaleletsi. Motswako wa mefuta e e farologaneng ele 2 goya go 3 o tla netefatsa tekatekano ya maatla le protein. Leswana la letswai le motswako wa minerale-le-vitamin o ka tsenngwa go netefatsa fa ditlhokegô tsa di-vitamin le diminerale di fitlhelelwa.
Difepi tse di nang le seelo se se kwa godimo sa maatla ke mmopo, barley, dithoro tsa titielo le sefepi sa cottonseed oil cake. Difepi tse di nang le seelo se se kwa godimo sa protein di akaretsa fishmeal, sefepi sa nawa ya soya, sefepi sa cottonseed oil cake le dithoro tsa titielo. (Brewer’s grains are the leftovers of the fermented grains used in beer making. Dithoro tsa titielo ke masaledi a dithoro tse di bedisitsweng tse di diriswang mo titielong ya bojalwa).
Go tlamela motswedi o o siameng wa nitrogen le maatla go dipodi, di neele kgwethe ya urea-molasses go ka e latswa. Seno se tlile go ka di thusa go ja furu botoka, segolo thata ka paka ya komelelô. E tshole ele mo setshoding se se bulegileng, gotswa mo bodilong, gore dipodi tsotlhe di kgone go latswa fa di batla.
Metsi a a phepa a tshwanetse go nna teng ka metlha kgotsa a neelwe bonnye makgetlho ale mane ka letsatsi, mme megopo ya metsi e tshwanetse go phepafatswa ka metlha mme se nne le bolêlê.
Go bona tshedimosetso e nngwe ka phepô ya dipodi tsa gago, golagana le moitseanape wa gago wa boitekanelo jwa diphologolo, ngaka ya diphologolo kgotsa motlamedi wa difepi tsa diphologolo.

Translated by Nchema Rapoo