Mafulo ke dijalo tse di jetsweng ke molemirui go fepa diphologolo. Dijalo tsa phulo e ka nna sejalo se le sengwe kgotsa motswako wa majang le menawa. Menawa ke dijalo tse di ka dirisang naetrojene go tswa kwa moweng go tokafatsa naetrojene go ya mmung ka thuso ya twatsi ya lefuto medng ya tsona. Go busetsa naetrojene mmung go mosola mo dijalong tse dingwe tsa botsalano, tse di golang le menawa.
Tsela ya theko e e kwa tlase ke go dirisa mafulo go letlelela diphologolo go fula ka tlhamalalo go tswa masimong fa go se na dijalo tsa furu tsa tlhago. Nako a maleba ya se, ka nnete, go nna le mafulo a tlhago a le gona fa furu e le e nnye kgotsa ya maemo a kwa tlase. Go seng jalo, mafulo a ka robiwa le go bolokwa ka mokgwa wa furu kgotsa letseto.
Ka fao, ka bobedi nako ya ntshokuno ya phulo le motswako wa dijalo tsa phulo di botlhokwa fo go tlhomiwa mafulo.
Pele fa o tlhopa dijalo tsa phulo tse o tlo di jalang, tlhomamisa dintlha tse di tla tshwaetsang nako ya go jala le mefuta ya diphedi tsa dijalo tsa phulo.
Pula le bongola
A mafulo a tla jalwa kwa kgaolong ya pula ye e nang selemo kgotsa mariga? Ke eng palogotlhe ya pula ya setlha? Fa pula e le e kwa fatshe, a o tla kgona go nosetsa? Fa go se jalo, tlhopa dijalo tsa phulo tse di leng maleba go jalwa mo masimong a a omileng.
Themperetšha
Mafulo a bojang a tlhophilwe mo ditlhopheng di le pedi go ya ka setlha sa kelo ya tsona ya kgolo - tlhopa magareng ga majang a setlha se se tsiditsana kgotsa majang a setlha se se bolelo. Menawa e gola maleba ka letlhabula. Ka jalo go botlhokwa go itse dithempheretšha tsa kwa godimodimo le tsa kwa fatshefatshe tsa lefelo le serame se ka tlhagelela.
Lefelo
A lefelo la go jala ke la mokgokolosa le mmu o kotsing ya kgogolego ka ntlha ya go kgogolwa ke metsi le phefo? A go theogela go ya bokone (go letsatsi) kgotsa go ya borwa (go tsiditsana)?
Mofuta wa mmu
A polase e na mmu o o bofefo wa motlhaba kgotsa mmu o o kolobileng o boima wa mmopa? A mmu o boteng kgotsa o o seng boteng? A o boloka bongola sentle kgotsa metsi le dikotla di itsamaela bonolo? Sekao, bojang ba Napier (Penisetum purpureum) le bojang ba bana (P. purpureum x P. americanum) bo gola sentle mo mebung e e nang le metsi a mantsi. Ka go farologana, monawa serradella o ka kgona go tswelela mo mebung e e bokoa ya motlhaba.
Nosetso
A mafulo a tla jalwa mo nakong ya pula? A metsi a nosetso a gona? Fa go le jalo, ke mofuta ofe wa go nosetsa o o tla dirisiwang? A o na le didirisiwa tsa nosetso? Mafulo a kwa dinageng tše di omileng mo Aforika Borwa ke bojang ba lerato bo bo lelang kgotsa ‘oulandsgras’ ka Seafrikantshe (Eragrostis curvula), gape bojang ba monwana ba Smuts le bojang ba nare ba mogatla wa phokoje kgotsa ‘bloubuffelsgras’ ka Seafrikantshe.
Ka setlha se sefe?
Ke mo dikgweding dife mo mafulo a tla tlhokegang? Ka selemo/mariga/letlhabula/nako ya dikgakologo kgotsa kopantsho ya ditlha? A e tla fulwa kgotsa go robiwa le go bolokwa?
A monontsha, o tla tlhokega?
Go bohlokwa thata go dira teko ya mmu pele fa o dirisa monontsha go tlhomamisa gore ke dikotla dife tse di seng gona. Tiriso ya monontsha e e maleba e ka oketsa kgolo ya phulo le go tokafatsa boleng gammogo le tsosoloso ya mafulo morago ga phulo le go itshokela komelelo. Setlamorago se se maleba go tswa mo monontsheng se bonwa mo mmung o o siameng, e seng mo mebung e e kgogotsweng kgotsa e bokoa, eo gantsi e leng mo kotsing ya go fofora dikotla. Dijalo tse dingwe tsa phulo di tlhoka monontsha o o rileng, jaaka luserene, o o tlhokang mameo a maleba a fosforo.
Tiriso ya bofelelo ya phulo?
A diphologolo di tla ntshiwa go fula? A e tla dirisiwa jaaka phulo, furu kgotsa letseto? Letseto ke phulo e foreše e e sa tswang go segiwa, e e kitlagantsweng mme e tlogelwe go bela. Mafulo gape a ka dirisiwa jaaka bojang bo bo suleng bo bo bolang - mafulo a bobedi a sigilweng/go fulwa – kgotsa bojang bo bo omisitsweng boripagare bo bo tswalelewang ka polastiki – go tshwana le letseto fela le diteng tsa bongola bo bo leno kwa fasana le pediso e nnye.
Ya phologolo efe?
A mafulo a tla dirisetswa diphologolo tše di tshwanang le dikgomo, dinku, dipudi kgotsa kopanyetso ya dikgomo/dinku/dipudi, dipere, di-alpaca, mebutla kgotsa le ge e ka nna diphologolo tsa mapheko jaaka dikgogo tse di itsamaelang kwa ntle? A e tla ba eng bogolo le maemo a ntshokuno ya phologolo? Sekao, a e tla dirisetswa ntshokuno ya diruiwa tsa mašwi, go fepa diphologolo tsa bašwa kgotsa jaaka tlhokomelo ya phepo ya diphologolo tse kgolo?
Translated by Lawrence Ndou