Nelson le Winnie Mandela ba arogana sebakana sa lorato

© Dr Peter Magubane
Nelson le Winnie Mandela ba arogana sebakana sa lorato
Winnie le Mandela ba nyalane dingwaga di le 38, mme ba bona matsapa a bona a go netefatsa kgololosego go maAfrika-Borwa otlhe a bona botshelo fa Mandela a ne a tlhophiwa jaaka Tautona ka 1994. Madiba le Winnie ba ne ba nyalana ka di 14 Seetebosigo 1958 mme ba nna le barwadi ba le babedi, Zenani (yo o belegweng ka Tlhakole 1959) le Zindziswa (yo o belegweng ka Sedimonthole 1960) pele a ka tshwarwa ka 1962.
Morago ga gore Mandela a gololwe go tswa kgolegelong ka 1990, Winnie o ne a le mo letlhakoreng la gagwe jaaka a ne a tsenela dikokoanô -kgolo tse di ntsintsi, meletlo le go bolola go ralala lefatshe go rotloetsa kagiso mo Afrika Borwa le go ngokela African National Congress batlhophi. Le fa lenyalo la bona le sa tswelela pele, ba ne ba santse ba arogana histori e e boteng ya lorato le maitlamô.

“Re ka fetola lefatshe le go le dira lefelo le le botoka. Go mo matsogong a gago go dira phetogo.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more