Nelson Mandela le Kenneth Kaunda Ba Kopana kwa Zambia

© Dr Peter Magubane
Nelson Mandela le Kenneth Kaunda ba kopana kwa Zambia.
Kenneth Kaunda ke morutabana wa maloba yo e nnileng rrapolotiki wa kwa Zambia. E ne e le molwela-ditshwanelo yo o botlhokwa mo kgaratlhong ya Zambia go bona kgololosego gotswa mo pusong ya Brithane. Kaunda e ne e le tautona ya ntlha ya Zambia e e ikemetseng mme o ne a tlhophilwe ka 1964. O ne a le mo kantorong dingwaga di le 27 mme o ne a itsagale ka maikutlo a gagwe kgatlhanong le tlhaolele.
Fa Mandela a ne a bolola mo loetong lwa gagwe la dinaga tsa Afrika morago ga go gololwa ka 1990, o ne a etela ntlu-kgolo tsa African National Congress (ANC) kwa Lusaka, Zambia mme a kopana le Kaunda. O ne a ganana le mogopolo wa ga Kaunda wa gore ANC e lebe ditokafatsô tse di botoka mo pusong, gona le gore ba tswelele ka kgaratlho e e tlhometseng. Go seno Madiba o ne a fetola: “Go mo pepeneng gore mmuso ga o ise o ipaakanyetse go kopane le rona mme o ka tse solofele gore rona, ka jalo, re dire boineelo go mmuso.”

“Ke itsitse jaaka ke itse sengwe le sengwe gore mogateledi o tshwanetse go gololwa gotlhelele jaaka mogatelelwa.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more