Mourvèdre

© Glenneis Kriel

Tlhaloso

Mourvèdre ke terebe ya mmala o montsho e farologaneng ye e dirisediwang go tsweletsa diveini tse khibidu. Tshekatsheko ya DNA e tlhomiwe gore mefuta e farologaneng e itsiweng jaaka Mataro, Monastrell le Mourvèdre ke selo se le sengwe. Mofuta gompieno, ke ona o o itsegeng ka fa tlase ga leina la Sefora, Mourvèdres. Mefutafuta ya motsadi wa yona ke e e sa itsiweng.

Tshimologo

Le fa Mourvèdre simolotswe kwa Spain, e ne ya nna Bofora bao ba dirileng gore veine e tume go nna ya boleng jo bo kwa godimo ke motswako wa Rhone. Tse dingwe tse dintsi tse di farologaneng, jaaka, go bonala go tsewa leina la yone go tswa mo mafelong ao e simolotseng kwa teng, mo lebakeng la Sepeini gaufi le ditoropo tsa Barcelona le Murviedro gaufi le Valencia.
Mofuta o o phatlaladitswe go fitlha Fora ka Lekgolo la 16 TH go nna e nngwe ya mefuta e e rategang mo mogorogorong wa Rhone, go fitlhela leroborobo la dinta tsa diterebe la tsoga mo dingwageng tsa Metlhagare. Bontsi jwa diterebe di ne tsa ntshiwa ke Grenache, seo ka nako eo e ne e le bonolo go mekamekana le go nna gone gwa dinta tsa diterebe-botlhogo e thata jwa semela sa go mela ka kutu go tswa kwa mmung.
Le fa gontse jalo Mourvèdre e tsweletse go gola mo Bandol, kgaolo mo borwa jwa Rhone e supileng bokgoni jwa go fenya dinta tsa diterebe ka ntlha ya motlhaba.

Maina a Mangwe

Mefuta e itsege gape jaaka Mataro, Balzac noir, Damas noir, Trinchiera le Monastrell.

Tsweletso mo Aforika Borwa

Go bonala fela go goroga ga mefuta mo Aforika Borwa ka bo80, mme e tsweleditswe pele ke Mop Abraham Izak Perold go tloga ka bo1920 go setse e le ka ntlha ya bokgoni jwa go tsweletsa boleng jo bo siameng jwa veine le go emelana le maemo a loapi a a bothitho.

Dikgaolo tsa Tsweletso

Kgaolo e e ka fa tlase ga Mourvèdre e okeditse thata fa e sale go tloga ka dingwaga tsa bo1990, fa balemirui ba simolotse go jala mefuta e e farologaneng ya Mediterranean tse di tshwanetseng go nna mo maemong a loapi a ya Aforika Borwa.
Mo ngwageng wa 2016, go ne go na fela le 470 ya diheketara ya mefuta e e farologaneng e e ka nnang teng mo nageng, ye e emetseng peresente e le nngwe ya kgaolo yotlhe e e ka fa tlase ga diterebe tsa veine e khibidu. Le fa mefuta e e jetsweng mo kgaolong yotlhe ya tsweletso, ntle le kwa Kapa Bokone, Swartland le Paarl e tsaya boikarabelo jwa go feta halofo ya kgaolo yotlhe e e ka fa tlase ga tsweletso.

Kgolo

Mefuta e farologaneng e mela sentle ka fa tlase ga maemo a loapi a a bothitho. Ke semela sa gola ka matla le ka bokgoni ba tsweletso ya kwa godimo, se e ka nnang gare ga 20 t/ha go ya go 23 t/ha.

Go Butswa

E butswa bogareng jwa setlha, go tswa ka fa gare go ya kwa bokhutlong jwa kgwedi ya Mopitlwe.

Borekhu

Mefuta e e tsweletsa e kgolo e kgolokwe, borekhu jo bontsho jwa letlalo le le nonneng, ka letlalo le le tiileng le le tala. Borekhu ga bo butswe ka nako e le ngwe se se dirang gore bo seke ba tshwana ka mmala, go tlisa ditlamorago tsa mebala ya borekhu e e farologaneng ka nako ya go simolola ga go butswa ga tsona.

Matlhare

Matlhare a botala jo bo tseneletseng ka mmala, ka bogolo jo bo mo magareng, a sediko ka botlalo le go tshwana le loreto ka boraro.

Disenyi le Malwetse

Mefuta e e kgona ke go fenywa ke monyo o o boleta o o kwa tlase le monyo o o lorole o o boleta.

Tiriso

Mo Aforika Borwa, Mourvèdre e e dirisiwa gantsi go tsweletsa veine ya bongwe ya mefuta kgotsa metswako ya mofuta wa Rhone, mmogo le Grenache le kgotsa Shiraz.

Tatso

Mefuta e e tsweletsa mulberry o itsegeng le ditatso tsa borekhu jo bo ntsho le ditone tsa liquorice, cinnamon le seloki.

Translated by Lawrence Ndou