Mobega Dikgang Benjamin Pogrund kaga Piet Beyleveld

Mandela wa Leloko

©Eric Miller

Moswi Piet Beyleveld ene ele moetsapele wa Springbok Legion, mokgatlho wa masole a Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe, ee bileng ya gapiwa ke makomonisi. O bile a nna modulasetulo wa mokgatlho wa Congress of Democrats, letlhakore la maomonisi la basweu le le tlhamilweng ele karolo ya Congress Alliance ya ANC

. Beyleveld ene ele monna yo bonolo, wa boammaaruri, wa maikaelelo a mantle mo go menoleng puso ya apartheid. Mapodisi a goromente (security Police) a bile a motshwara mme a fetogela ma-comrade a gagwe: A dumela fa ele mongwe wa leloko la mokgatlho ga e sale 1956, mme a nna mongwe wa dipaki tse di thusitseng go bona katlholo ee mo isitseng kwa kgolegelong. Morago ga fao, ke bile ka ya go mmona, le go bua le ene.

A bua ka boiketlo mme a tlhalosa phuthego kgolo ya bofelo ya mo sephiring ea itlhagisitseng kwa go yone, kwa ntlong enngwe kwa Johannesburg, kwa tshimologong ya di’1960. O mpoleletse gore Mandela one ale teng, ebile o dumela gore, o ne a tlhophiwa go nna mongwe wa leloko la komiti ya bogare. O mpoleletse fa dikgetho di ne di tsamaisiwa ka dikgetho tsa sephiri le gore maina a maloko a komiti a ne a sa tshwanelwa ke go itsewe le ka fa gare ga dikarolo tsa mokgatlho. Ka nako eo, kitso ya mofuta o, ene ele dynamite.

Goromente o ne a sokola go bona bonnete ba gore Mandela o kile a nna mongwe wa maloko a makomonisi. Ga kea ka bega dikitsiso tsa ga Beyleveld, mme ka dinotlelela mo monaganong wame. Ke ne ke sa itse gore mapodisi a goromente a mofetotse bo kanakang kgatlhanong, mme ke ne ke sa batle go nna mongwe wa batho ba baneng baka senya leina laga Mandela.

Polelo eno e nnile potso ee thata. Ka 2007, Padraig O’Malley, o kwadile mo biography yaga Mac Maharaj, yo a neng a tshwerwe le Mandela, a boeletsa mafoko a maloko a mokgatlho ga bare Mandela, selekano sa sebaka se sennye, o ne a le mongwe wa leloko la mokgatlho wa makomonisi. Ka jalo gwa tlhagella, morago ga dingwaga dile masome amane, gore Piet Beyleveld one a mpolelletse nnete.

Translated by Ikalafeng Maedi

Nelson Mandela The Conciliattor By Raymond Louw

Ke se tautona ya Afrika Borwa Nelson Rolihlahla Mandela a se dirileng, dingwaga di le tlhano morago go go bulelwa dikgoro tsa kgolegelo le g...more