Moalô wa Thuonong

© Chris Daly

Dinonyane ka bontsi tsa thuonong di godiswa mo boalông jwa moalô o o atalositsweng mo godimo ga bodilo. Fa o laolwa ka tshwanelo, moalô o thusa ka go tokafatsa tlhôkômêlêsêgô le boitekanelô jwa dinonyane, ka go dira mosamelo mo godimo ga bodilo mme o dira sesireletsi kgatlhanong le maruru.

O monyêla gape le bongôla, seno ga se thuse fela ka go tshola dinonyane di omile mme gape se thusa kamano le mantle a a ka tswang a bakile marôphi, phiso ya letlalo le go ruruga.

Sediro Sefe?

©Chris Daly

Mabaka a a farologaneng a tshwanetse go akanywa fa go tlhophiwa sediro sa moalô.

Tlhwatlhwa ke selo se se botlhokwa, ka fa e na le seabe mo go tsenyeng madi ga kgwebo ya thuonong. Mesego ya kota ya phaene le manyakgong ke didiro tse di rategang thata, fela e ka nna teng ka bonnye le tlhwatlhwa-godimo kwa dikgaolong dingwe. Dikgapa tsa reisi le tsona e ka nna sediro se se siameng fa fela se bonwa ka tlhwatlhwa e e kgonegang.

Barui fela ga baa tshwanela go foufatswa ke tlhwatlhwa ya sediro, ka ge ditshomarelo tse di bonwang ka go dirisa sediro se se botoka di ka thiba phapaano ya tlhwatlhwa ya kwa ntlheng mo go ya sediro. Ditlamorago tsa tlhwatlhwa ya go tsamaisa ditlhagiswa di tshwanetse go lebelelwa mo tlhwatlhweng-kakaretso. Barui ba le bantsi ba dirisa sediro se se bonwang ka gangwe gaufi le polase ya bona.

Dinonyane di ka tlhagisa ditone le ditone tsa mosutele, ka jalo go latlhiwa ga sediro le gone go tshwanetse go lebelelwa. Matlakala a thuonong – motswako wa moalô, mosutele le mafofa – a dira motshotelô o o humileng. Barui bangwe ba o rekisa jaaka monontsha, fa bangwe ba o dirisa go nôntsha mmu mo ditshingwaneng tsa bona tsa morogo kgotsa mo mafulong. Go diriswa jaaka monontsha, sediro sa moalô se tshwanetse go bola ka bonako, ke gore o thubege bonolo.

Le fa go le kgatlhanong le molao go rekisa matlakala a thuonong jaaka dijo tsa diphologolo, sediro ke motswedi o o tlhwatlhwa-tlase wa nitrogen e e senang di-protein go diotli di etsa dikgomo, dipodi le dinku. Matlakala a tshwanetse go alafiwa le go dirakanngwa ka tlhokomelo go efoga go tsenya boitekanelô jwa diotli kgotsa batho mo kotsing. Gape a tshwanetse go ka jega bonolo, go se nne le digalase, ditshipi, botlhole jwa dimela, didiro disele, masaledi a diphologolo tse di suleng, dirugi le protein ya diphologolo. Diphologolo tse di fepiwang ka seno di tshwanetse go ka entiwa kgatlhanong le botlhole jwa dijo jo bo bakang botulism, eleng bolwetse jo bo bolayang jwa megare jo bo bakang go swa ga mesifa ya diphologolo tse di tshwaetsweng.

Fa go lebelelwa semelo sa sediro, se tshwanetse go:

  • monyelela ka bontsi le go oma ka bonako. Matlakala a a metsi a tlile go baka marôphi a matswele, phiso ya lonao le setoto se se ganetsweng. E ntsha gape le ammonia e ntsi le go rotloetsa kgolô ya megare e e kotsi le mouta. Keletso ke go tshola bongôla jwa sediro mo seelong se se mo magareng a diphesente tse 21 le 25. Fa se kgomarelana jaaka kgwele, se metsi thata. Fa se obega go se nene se siame. Fa se sa obege gotlhelele, se omile thata.
  • Nna botlhofo le go laolega bonolo. Sediro se tshwanetse go fetofetolwa le go laolwa ka mokgwa o o tla thibelang go ipopa le bongôla jo bo feteletseng.
  • Go se nne le botlhole jwa dimela, digalase, ditshipi le didiro disele tse di ka bakang kotsi mo boitekanelong. Magongpopota mangwe a na le mouta o o kotsi go dinonyane. Dikgapha tsa matokomane ke sediro sa moalô se se tlhwatlhwa-tlase kwa dikgaolong tse di tlhagisang matokomane, fela di ka nna le dibolayadisenyi tse di kotsi.
  • Nna le semelo se se siameng sa kganedi go sireletsa dikokwana kgatlhanong le serame. Motlhaba ga se tlhopho e e siameng ka fa o na le tsamaiso e e bokowa ya bothitho mme dinonyane di sokola go tsamaya mo go ona fa o phatlhaladitswe ka boteng.
  • Karolwana tsa bogolo jo bo mo magareng. Sengwe le sengwe se se kwa godimo ga 30mm, jaaka sethu se se thugilweng sa mmopo le diphatsa tsa logong, se ka gobatsa dinao tsa dinonyana le dihuba mme kwa bokhutlong sa baka go ya tlase ga boleng jwa setoto. Sediro se se bonnye jo bo kwa tlase ga 2mm, jaaka manyakgong kgotsa lotlhakana lo lo remilweng ka bosesane kgotsa furu, ka fa go le lengwe, se tlhagisa lorole lo lo kotsi mo boitekanelong jwa dinonyane le batho.

Translated by Nchema Rapoo