Metsi a Dinotshe

©Wildflower Meadows
Dinotshe tsa tswine di tlhoka metsi ka ntlha ya maikaelelo a mabedi a a botlhokwa.
Sa ntlha, metsi a a dirisiwang go rarolosa tswine e e e bonalang sentle gore e ka oketswa mo dijo tsa tsalo. Sa bobedi, dinotshe di tlhoka metsi go tsidifatsa motshitshi wa tsona.
Di dira se ka go mowafatsa mo godimo ga llaga ya metsi fa maemo a thempheretšha e le kwa gidimo ga 35°C. Mowafalo ya metsi a tsidifatsa le mowa o o bolelo mo gare ga motshitshi mme e thusa go boloka bongola ba motshitshi go netefatsa gore mae a thuthusa.
Ka nako ya mariga, phokafal mo teng ga motshitshi e tshwanetse go tlamela ka monola o o lekaneng. Se go le gantsi se ka ntsha kuno ya metsi a le mantsi thata, mme sa tlhola go rotha. Se se ka bolaya dinotshe fa go se na mowafatso o o siameng mo teng ga motshitshi.
Dinotshe gape di ka tlhoka metsi ge di tsamaisa metshitshi ka bokgala jo bo telele.

Tsela ya Go Fepa Metsi mo Dinotsheng

Dinotshe ga di boloke metsi mo metshitshi ya tsone mme di tshwanetse go tsamaya le go ya go tsaya metsi. Fa go se na motswedi wa tlholego wa metsi o o mo gaufi le motshitshi, o tshwanetse go feoa dinotshe tsa gago metsi. Go nna le metsi a a phepa mo gaufi go ka thusa go fokotsa go dirisiwa ga maatla ke dinotshe go ya go senka metsi.
Dinotshe ka tlhago di monoka monola go tswa mo boalogodimong jo bo metsi jaaka mmu (kgotsa le go tlhapa ka go oma mo moleng) e seng go tswa mo metsi a a bulegileng.
Seduti se nang le bokana ba 75 cm² (bokana ba bogolo ba digeramo tse 500 sa seduti sa majarine) ka motshelammogo se tla siama. Kgaolo ya go kotamela e tshwanetse go bulega go feta ya go nosa - sekao, pirinki e e tletseng ka dimabole. Go seng jalo, tlamela ka sediriso se se gololwe mo mankalankaleng kgotsa kalana go thibela dinotshe go betwa ke metsi. Gape o ka tlamela metsi ka mo sejelong sa dikoko se se tladitsweng ka matlapa a mmalwa.

Dijelo sa mofuta wa matseno di ka dirisiwa, mme lefelo la metsi la setšhaba gaufi le motshitshi le ka nna maleba. Netefatsa gore motswedi ono wa metsi gore ga o a kopanelwa le diphologolo tse dingwe.

Metswedi ya Metsi e e Gaisang ya Dinotshe

©Bogdan Giuşcă
Fa dinotshe di ka kgona go bitsa metsi a tsona, di ka rata go nwa metsi a letswainyana. Sekao, di rata moroto kgotsa metsi a letangwana la go thuma go fetang a letamo. Patlisiso ya sešeng e bontshitse gore dinotshe tsa metsi di rata a nang le 0.15 – 0.3 ya letswai (NaCl). Se se ka ba 1 leswana la letswai le le sa tsenywang ditho tsa tshipi ka 3.5 ya dilitara tsa metsi. Dinotshe gape di rata metsi a a leng bollo go feta 18°C.
Fa o tsaya tshwetso ka motswedi o o siameng wa metsi a dinotshe, go a thusa go akanya jaaka notshe. Matlho a notshe (a otlhe a le matlhano a yone) ba tlwaetse go bona diphetogo mo motsamaong le maemo a lesedi, mme e fofa ka bonako le kwa godimo, di ka nna tsa se bona metswedi e e ka diregang e le ya metsi.
Dipatlisiso tsa dinotshe di fitlhetse gore dinotshe di lemoga metsi ka monko. Metsi a a nkgang jaaka lefatshe, dimela tsa metsi, dimela tse di bolang le fa e le tlolorine (matamong a go thuma) a ngokela that mo dinotsheng tse di ‘phepafatsang’ metsi. Metswedi ya metsi gape e tshotse dibithamini le dikotlonnye tse di ka oketsang kotlo ya dinotshe tsa tswine.

Translated by Lawrence Ndou