Mebutla - Matsopa a Mmele oo Magareng a Maduo pedi

© Judy Stuart

Ga o rua mebutla go maleba go lebella ditshono tse di bonalang mo mmarakeng. Ga kgwebo ya gago e le ya maemo a a kwa godimo (commercial scale), go tlwaelegile go ka dirisa matsopa a magolwana jaaka, New Zealand le California, mme mongwe a ka bona morokotso o o kwa godimo fa a ka dirisa matsopa a selekano se se kwa magaareng (medium sized) fa a na le kgwebo e e potlana.
Temothuo e e balallang tsa tlholego kgotsa sustainable farming, ga e tlhoke theko e e kwa godimo ya dijo tsa diphologolo ka gore mebutla e fepiwa ka tlhaga mo dinakong tse dintsi le merogo le ditslhatshana tse di bonwang mo tshingwaneng. Ga e gole ka pele jaaka mebutla e e bonwang kwa dikgwebong tsa maemo a a kwa godimo. Se, se di fa tshono ya go ka bona nako ee lekaneng ya go godisa bobowa jwa mebele ya tsone go fitlela e nna megolo pele e ka tlhabelwa boboa joo. Mmutla o o godileng o ka abelana ka boboa ba boleng jo bo kwa godimo. Ka jalo mogwebi a ka bona maduo a a kwa godimo fa a bo rekisa kgotsa fa a ka dira thepa ya maemo a a kwa godimo.

Matsopa a a Siameng Tiriso-pedi Kgotsa

Silver Fox

©Judy Stuart
Silver foxes di tlwaelegile thata mono Afrika Borwa, mme di na le boboa jo bontle jwa mmala o montsho oo nang le matshwao a meriri e melelle kwa matlhakoreng a mmala wa bosweu jwa selerefa. Di tsala bontle mme di amusa ka bokgabane, ke bo mme ba ba siameng. Boboa jwa tsone jo bontsho ga bo a tshwanelwa ke go bona marang a letsatsi ka gore bo ka fetoga mmala jwa nna borokwa mme seo sekgotlhela kobo eo.

Beige

©Judy Stuart
Beige e bonolo go ruiwa, mme e na le kobo e e kitlaneng ee bonolo jwa silika ga o e fogotlha. Di bonwa ka mmala wa “beige”, mme e na le botala jwa legodimo kwa godimo.

Rex

©Judy Stuart
Rexes di tla ka mebala ee farologaneng, e bile ke diruiwa tse di siameng thata fa o batla go bona maduo a boboa jwa tsone go gaisa matsopa a mebutla e mengwe. Tlhokomelo ya tsone e tlhoka maitsanape a a maleba le manno a a kgethegileng ka lebaka la kobo ya tsone a a botsatsa. Gantsi di ka ballwa ke maoto a a botlhoko, ka jalo ditlhoka malao a a tlhokometsweng sentle le dihoko tse di phepa ka dinako tsotlhe.
Selo se se tlhaolang diRex mo go mebutla e mengwe ke boboa jwa tsone. Mebutla yotlhe na le mefuta e mebedi ya moriri oo mopang bonoa jwa tsone. Mebutla yotlhe e nale moriri wa kwa godimo oo tlhamaletseng le oo kwa tlase oo mokhutswane oo bonolo jaaka silika. Mogo mebutla ya Rex, meritshana ya kobo ee ka fa tlase e meleele mo go ee kwa godim, mme boboa jwa yone bo mofuthu mme bo utlwala jaaka lesela la velvet ya tlhwatlhwa ee kwa godimo.
Go botoka go bona tlwaelo ya go rua mebutla pele o ka rua diphologolo tse ka ga di se bonolo go tlhokomela.

Satin

©Judy Stuart
Mebutla ya Satin le yone e bonala ka mebala ee farologaneng, mme di na le kobo e e phatsimang thata. Se, ke ka lebaka la sebopego sa moriri wa yone, o le mongwe o sebopego sa kgutlotharo, mme o galaletsa kganya ka tsela ee farologaneng. Le tsone di bonolo go rua, mme ke bo mme ba ba siameng.

Mebutla ya Angora

©Judy Stuart
Mebutla ya Angora ke mebutla e e ikgethegileng thata. Ga di ruelwe nama, mme di ruelwa tlhamo ya wulu (wool). Tsone ga di tlhabiwe go bona wulu ya tsone mme e segiwa jaaka wulu ya dinku makgetlho a le mane mo ngwageng. Wulu e e ka tlhobiwa mo mmeleng wa yone fa e setse e godile (in full moult).
Angoras e bonala ka mebala e mentsi, mme e tlhoka tlhokomelo e e maitseo. Di tlhoka go kamiwa le go tlhapisiwa ka metlha go thibelela wulu ya tsone go ka mmopagana. di tlhoka go ruiwa mo hokong ya waere kgotsa terata e e emisitsweng kwa godimo ga lefatshe.
Go bonolo go di rua, mme tse di setseng di tsofetse o ka di tlhaba.
Wulu ya Angora e siametse spinning mme go dirwe wulu e e rikisiwang, mme o ka e dirisetsa go loga.
O tla tlhokega go iponna spinning wheel mme o tsene sekolo sa spinning, mme fa o ithutile sentle, botaki jo go fa bophelo jo bo siameng.

Translated by Ikalafeng Maedi