Marula Tree
Morula

© Geoff Nichols

Leina

Morula [Scelerocarya birrea]

Leina La Se-Latin

Scelerocarya birrea
Histori ya setlhare sa Morula e boela morago diketekete tsa dingwaga. Bosupi jwa dipatlisiso tsa archaeology di bontsha fa Morula e ne e le motswedi wa dikotla nako e telele ya bogologolo jwa 10,000 BC. Morula, Scelerocarya birrea, seka-tshika ya caffera, ke nngwe ya matlotlo a dimela mo Afrika. Kwa logageng lwa Pomongwe kwa Zimbabwe, go kaiwa fa maungo a Morula a le 24 million a jelwe. E seng fela leungo, mme gape le lenôkô, a humile ka dimenerale le di-vitamin.
Dinoolwane di dintsi ka ga tiriso tse di mmalwa tsa setlhare, lekwati, matlhare, leungo, lenôkô le mooko. Noolwane e e itsagaleng thata ke ya gore leungo la Morula le ‘dira gore ditlou di tsenwe’ fa le wetse fa fatshe mme le bedile go le go nnye. Morula ke setlhare se se rategang thata kwa dikgweng tsa Afrika. E ne e le sejo sa ka gale mo Afrika Borwa, Botswana le Namibia mo dingwageng tsa bogologolo.

Thanololo

Ke setlhare se se tlhotlhoregang mme se gola boleele jo bo ka fitlhang 18m. Di mela mo mefuteng e e farologaneng ya dikgwa mo mebung e e boloko ya motlhaba. Di ka fitlhelwa go tloga Ethiopia go fitlha KwaZulu-Natal. Di thunya go simolola ka Lwetse go fitlha Ngwanatsele mme di nne le maungo go simolola ka Ferikgong go fitlha Mopitlwe. Maungo a jega mme a ungwile thata ka Vitamin C. Makorwane, tlou, phitlhwa, thutlwa le tholo di ja leungo le matlhare a setlhare se.

Ditiriso

Letlapi la leungo le ka bedisiwa go dira nnô kgotsa la fisiwa go dira seemedi sa kofi. Logong lo boleta mme lo dirisetswa go betla; lekwati le le ka fa gare le ka dirisetswa go dira kgôle. Bosupi jwa dipatlisiso tsa archaeology di bontsha fa leungo la Morula le dirisitswe ke merafe ya Afrika jaaka motswedi wa dijo go tloga bogologolo tala. Lekwati le ka dirisetswa gape go dira sefetolammala se se thokwanyana. Diboko tsa Saturniid tse di kgolo di kotulwa go tswa mo setlhareng seno go bêsiwa mmogo le sebokwana sa khukhwana ya Cerambycid Wood Boring.
Ka mo gare ga monônô gona le lenôkô kana a mabedi a mannye mme a le tatso ebile a humile ka protein. Mafura a dirisiwa jaaka setlolô. Matlhare a ona a matala a jewa go alafa lesokolela. Lekwati le na le antihistamines mme le dirisetswa gape go phekola mmele ka go le inela mo metsing a a belang mme o heme sethitho sa mosi. Karolwana ya lekwati e a tšhwetlwa mme e tswakanywe le metsi a a tsididi mme e nowe mo kalafong ya letshololô. Lekwati le dirisiwa gape mo thibelong ya malaria.

Leungo

Leungo la Morula le matute ebile le monkgo monate mme le lekana le moretologa. Le ka jewa le le foreše mme monônô wa lona o na le Vitamin C e le ntsi. O ka apeiwa go dira jeme, dinotsididi le dinotagi.

Di fitlhelwa kae

Ke karolo ya mofuta wa dimela o o bidiwang ‘Bushveld’ kgotsa Savannah, e leng mofuta o o nang le dimela tse di fapaaneng, o apesitse mekgokolosa e e botlase ya naga-godimo le naga-tlase ya Mpumalanga, go akaretsa bogolo jwa Kruger National Park. Dimela tse di golang le ona gantsi di akaretsa Mosu (Acaia), Mowana, More O Mosetlha, Mophane o o botala jo bo tseneletseng le ditlhaga tse di telele tse di golang ka segopa.

Dintlha Kgatlhiso

Ditlhare tsa Morula di a tlhotlhorega, se se raya gore di na le bong jo bo totobetseng. Ntlha eno e rotloetsa tumelo mo bathong ba Venda ya gore go nwa metsi a lekwati le le neng le inetswe mo go ona go ka laola bong jwa ngwana o a iseng a tsalwe. Fa mmê a batla morwa setlhare sa tona se a diriswa, fa a batla morwadi, sa tshegadi se a diriswa. Fa ngwana wa bong jo bo farologaneng a ka tsalwa, ngwana o kaiwa fa a itlhophile thata ka fa a kgonne go gwetlha mewa ya badimo.