Marobalo a kwa Mapungubwe National Park

Dikampa tsa Boikhutso tse Nne

©Jacques Marais

Eno ke karolo ya keteko-moletlo ya Mapungubwe. Marobalo a mantle! Dikampa tsa boikhutso ka bone ba tsona di satswa go agwa, mme ditlamorago di a boitshega. Ga go na mekgoro e e ruletsweng ka bojang e e bodutu fano. Kampa nngwe le nngwe e na le sebopego le moutlwalo tse eleng tsa yona, mme boramaanokago ba lekile go netefatsa fa didirisokago di tshwanelana sentle le tikologo e e di dikaganyeditseng.

Tiragatso eno e e maikutlo magareng ga tikologo ya kagô le tikologo ya tlhagô ke nngwe ya dikai tse di atlegileng tsa tshwantshômatlo e e sa senyeng tlhagô tse ke kileng ka di bona.

Ka mo gare ga dikagô, go na le tsepamiso-tlhaloganyo e e kgatlhisang mo dintlheng, mme kampa nngwe le nngwe e na le boleng jo eleng jwa yona ka nosi. Marobalo otlhe ke a o ikapeelang mo go ona fela, mme serapa ga se na marekisetso a dijo kgotsa mabenkele ga jaana.

Kampa ya Leokwe

©Roger de la Harpe

Eno ke kampa e kgolo ya boikhutso, mme e gaufi le Confluence View Site le Treetop Hide. E tlhomilwe mo dinaong tsa kgophu tse di kgatlhisang, tse di tladitsweng ka majwe a mahibidu a a gotlhegileng a a tlhatlhogang go dikologa kampa.

Kagelelo e ikaegile mo motseng wa setso sa seVenda, mme mabota a ntlo-borobalo a a kgolokwe a le makgwakgwa ka mmala o borokwa le boserolwane, a tswakana bontle le tikologo. Kampa ya boikhutso e na le lekadiba le le nnye, le le epilweng mo majweng, lefelo la peso-nama la mo bogareng le matlhatlhaganyane a letsatsi.

Lebenkele le le potlana le agilwe, fela le ne le ise le bulwe ka ketelo ya me. Ke boleletswe fa le tsentswe dithoto di le mmalwa, jaaka malatlha, dimonamone le dinotsididi, fela o seke wa solofela dilo di le di ntsi.

Kampa ya Ditente ya Sekgwa sa Limpopo

E tlhomilwe mo gare ga sekgwa sa noka se se kitlaneng kwa karolong e e kwa bophirima ya serapa, kampa eno e gaufi le lefelo la dinonyane la Maloutswa.

Le fa o ka se kgone go bona noka, kampa eno ya ditente ke legae la makgokgolo a dinonyane le ditshedi tse dingwe tsa mo ditlhareng. Fa ke ne ke le koo, dikgabo tsa selegae di ne di tsenwa, di tlolela gotswa mo setlhareng se sengwe goya go se sengwe ka botsenwa. Ke ne ke tshogile go se nene! Fela, tikologo e tletse kagiso ebile e a namatshega – e siametse dinonyane.

Kampa ya Lenaga la Vhembe

©David Fleminger

Eno ke kampa e ke e ratileng thata. E tlhomilwe mo sekgweng se se kwa karolong e e kwa botlhaba ya serapa, kgakala le sengwe le sengwe. Go na fela le mantlwana-borobalo a le mane mo kampeng, a a agilweng mo tlhakoreng ya mmotwana o o okameng kgophu e e bulegileng e e tletseng ka ditlhare. Ga go na motlakase mme kampa e dirisa maatla a letsatsi go bonesetsa.

Ntlwana-borabalo nngwe le nngwe e na le malao-nosi a le mabedi, ntlwana-boithusetso, shawara le matlhatlhaganyane a a bulegileng a tebo e e gaisang. Ditlabakelo ka mo gare ga mantlwana-borobalo di motlhofo fela ke tse di kgatlhisang. Go na le phaposi-boapeelo ya botlhe, lefelo la bojelo le lapa le le diriswang ke mantlwana-borobalo ka bone. Go na gape le lekadiba la mekorwana, le le iphitlhileng mo majweng a a fa godingwana ga kampa.

Tshugulu Lodge

©Roger de la Harpe

Seno ke tlhopho ya manobonono. Tshugulu ke ntlo-borobalo ya baeng e e boitshegang, ka mealô e e tswileng diatla le mesamo e mekima e e boleta. Ntlo-borobalo e mo karolong e e kwa bophirima ya serapa, e mo gare ga mafika a ma telele a le mmalwa. Majwe ano a mahibidu a kgatlhisa ele tota.

Tshugulu e na le lekadiba le le golo go fetisa mo serapeng, mme e neela baeng boroko jwa bosigo jo bo phuthulogileng, mo diphaposing tse di agilweng ka letlapa tse di nang le diphaposi-botlhapelo tse di bulegileng. Diphaposi tsotlhe di na le selaola-mogote le matloa a mantle a menang. Go na le diphaposi di le 6, mme ntlo-borobalo e ka amogela palo-gotlhe ya batho ba le 12. Phaposi-boapelo e e nang le ditlabakelo tsotlhe e teng, ka ditsidifatsi tse okareng logaga tse di tsamaegang.

Marobalo a kwa Mapungubwe a o Ikapeelang Mo Go Ona

Ditlamelo tsotlhe kwa Mapungubwe ke tse o ikapeelang mo go tsona. Mme ke raya gore go ikapeela. Mapungubwe National Park e na le lebenkele le o ka rekang ditlamelwa tse di botlhokwa mo go lona, fela go botoka gore o tle o ipaakantse, gore fa o felelwa ke mae, o se kgweetse 70km goya Alldays kgotsa Musina go reka a mangwe.

Go baeti ba motshegare, go na le marekisetso a dijo le dinô a a fanang ka difitlhilo le dijo tse di botlhofo, mme go na gape le mafelo a iphokisô-phefô kwa o ka emang le go besa nama. O ka renta didiriswa tsa gase tsa go besa nama kwa mafelong a iphokisô-phefô, fela o ka se kgone go reka dikgong. Lefelo la kamogelo ya baeng kwa kgorong-kgolo le na le setsidifatsi se se nang le metsi, matuteungo le dinotsididi. Marobalo otlhe a bosigo a baakanyeditswe gore o ka ikapeela mo go ona.

Phaposi nngwe le nngwe e neelana ka ditlamelwana tsotlhe tsa phaposi-boapelo, ka ditlabekelo tsotlhe: microwave, sefisa-borôthô, setsidifatsi, setofo, onto jalo le jalo. Dintshwana, dijana tsa letsopa, dipitsa le dipane tsotlhe di akareditswe. Se o tshwanelang go tla ka sona fela ke dijo, dinô le dikgong.

Metsi a pompo mo serapeng aa rwalega (seno se raya gore a ka nowa), fela a latswega bosulanyana. Fa o na le mala a a bokoa, ke kakanyo e ntle gore o itlele ka metsi a menerale a le mantsi, kgotsa bojalwa fa lebaka le dumela.

Translated by Nchema Rapoo