Mapungubwe e Senotswe

Dibetlwa tsa Gouta tse di Fitlhetsweng

©Roger de la Harpe
Temogo ya ntlha ya mo sešeng ka ga kgwebisano ya Mapungubwe e tlhageletse ka dingwaga tsa bo 1930, fa batho-basweu ba simolola go tlhatlhoba thabana lantlha. Ba sa tseye tsia meila ya morafe le se ba se kgapetseng thoko jaaka meila e e senang tlhaloganyo ka ga badimo, babatlisisi bano ba maloba ba fitlhetse serapa sa baswi se se neng se na le mabitla a le 23.
Bontsi jwa mabitla ano a ne a sare sepe, fela a le mararo a dirile gore ba a tseye tsia. Lengwe la ona, la nomore ya 14, e ne ele la mosadi yo o bolokilweng a dutse, mme eseng a patlamisitswe.
Se se kgatlhisang le go feta, e ne ele mekgabisa ya gagwe ya poloko. O ne apere maseka a gouta a a fetang 100 mo manyenaneng a gagwe, mme lebitla la gagwe le ne le na le ditalama tsa gouta tse di fetang 12 000 (tsa bokete jo bo ka nnang 2.2 kilograms) le ditalama tsa galase di le 26 000. Baboni ba gagwe ba ne ba tshwanela ke go kuka dithoto ka kgamelo.
Lebitla la bobedi le le botlhokwa e ne ele la monna, yo le ena aneng a bolokilwe a dutse, yo aneng a rwele sebaga sa molala se se dirilweng ka ditalama tsa gouta le dikgapetla tsa cowrie. O ne gape ana le, go mo ntsha bodutu mo botshelong jwa morago ga loso, dilwana dingwe tse di betlilweng gotswa mo foeleng ya gouta – nngwe ya tsona e ne e tshwana le kwena.
Se se tumileng se se bonweng, e ne ele motho wa bong bo bo sa itsweng yo o neng a bolokilwe ka dilwana tse tharo tse di tseisang maanya: sejana (se se neng se ka tswa se dirisitswe jaaka korone kgotsa serwalwa sa tlhogo), lore mmogo le tshukudu e nnye. Mokoa-nyana wa manathwana a tshukudu ya gouta a tlaleletso le ona a ne a fitlhelwa mo diphuphung, fela bafatolodi ba ba maatlemetlo ga ba ka ba gatisa gore ba a fitlhetse kae.
Ka ge mabitla a mangwe mo thabaneng ka kakaretso a ne a sena dilwana tse di boleng, go ka fopholetswa gore batho bano ba le bararo ba ne ba tota ba le botlhokwa thata, le fa maemo a bona a nnete a ka se itsiwe. Mosadi, ka sekai, e ka tswa e ne ele mmê-mogolo wa segosi, kgaitsedi, mohumagadi, ngaka ya setso kgotsa Kgosigadi ya Mapungubwe ebile.

Mogaka wa Boditšhabatšhaba

©David Fleminger
Tshukudu ya gouta ga jaana ke mogaka o o amogelwang boditšhabatšhaba. Ke sedirwa se se potlana fela se betlilwe ka matsetseleko, se dirilwe ka go kokotela foele ya gouta go dikologa sebetlwa sa logong (se se sa bolong go bola). Mealo e mesesane ya foele ya gouta, mengwe ka bokima fela jwa 0.5mm, e ne morago ya bofaganngwa ka mokoa wa dipekere tse nnye tsa gouta.
Le fa tshukudu e na fela le lonaka lo lo nosi (se se akanyeditseng bangwe gore ke tshukudu ya lonaka-nosi ya Sumatran, mme seno se fa bopaki go dikakanyo tsa gore go ne go na le thuso gotswa ntle mo katlegong ya Mapungubwe), sesupo seno se tsepame ka botlalo. Huffman ebile o kaile gore e ka tswa e le Tshukudu e Ntsho. Ditshukudu tse dingwe di le mmalwa di fitlhetswe mo Mapungubwe Hill, fela ga di a felela.
Ntle le botlhokwa jo bo bonagalang jwa tshukudu ya gouta, go tshwanetse ga lemogwa gore ga re itse fa tshukudu e ka tswa e ne ele letshwao le le rileng le le botlhokwa kgotsa kano ya batho ba Mapungubwe. Ditshupo tsa diphologolo tse dingwe di fitlhetswe mo thabaneng, mme tshukudu e ka tswa e ne ele nngwe fela ya mokoa wa ditshupo tsa semowa.
Ga go a tlhapa gape gore gouta e ne e gakolositswe le go dirilolwa mo lefelong, kgotsa kwa kgaolong ya madirelo e e tlhomilweng kwa karolong e nngwe ya naga. Le fa gole jalo, tshukudu ya gouta ke mogaka yo a ka se busediweng gape wa paka ya Afrika ya pele ga histori, mme ke sengokedi se segolo sa kgobokanyô ya Mapungubwe Museum.

Boleng jwa Semowa le jwa Madi

Gore batho ba Mapungubwe ba tlotlomaditse baswi ba bona ka dilwana tsa gouta le ditalama go supa gore dimetale tsa boleng jo bo kwa godimo e ne e sa tlhole ele tsa kgwebisano fela: di bone tiriso ya selegae, e e neng ele ya semowa le ya madi. Le fa gole jalo, go ne go na le kgwebisano ele ntsi e e diragalang magareng ga Mapungubwe le lobopo.
Jaaka kwa K2, batho ba Mapungubwe ba ne ba gwebisana ka gouta, lonaka, letlalo le kopore gore ba bone ditalama tse di tswang naga disele, tse ba neng ba di dirisa go dira dilwana tsa mekgabiso tse di botlhokwa mo setšhabeng. Bontsi jwa diketekete tsa ditalama tseno, mmogo le dikgolokwê tse di sephaphathi tse di dirilweng gotswa mo maeng a ntšhwe, le ditalama tse di thubêgang motlhofo tse di dirilweng gotswa mo dikgapheng tsa kgopa, di fitlhetswe kwa lefelong leno. Mo lebakeng le lengwe, pitsa ya siramiki e e neng e tletse ebile e tshologa ka ditalama, e fitlhetswe mo logageng lo lo gautshwane.
Dikgapha tsa cowrie, mofuta wa ledi o o neng o diriswa ka go anama go ralala lefatshe la maloba, le tsona di fitlhetswe mo lengweng la mabitla a segosi. Manathwana a le mmalwa a disiramiki tsa Chinese Celadon a upolotswe mo thabaneng, mme e katswa e ne ele karolo ya dijana tsa teye tse di kgethegileng tsa ga kgosigadi. Maotwanakgogisi a mmopa a bonwe lantlha kwa Mapungubwe, mme seno se supa fa batho ba Mapungubwe ba ne ba itirela letsela. Letseta e ne ele sejalo sa selegae, fela technology ya go le loga e katswa e ne e tserwe gotswa kwa lobopong.

Translated by Nchema Rapoo