Mananeotswako a Taolô-tshenekegi ya Tlhagô

© Marinda Louw

Go na le ditlhagiswa tsa kgwebisano jaaka oli ya neem le sesepa sa polaô-tshenekegi tse di leng teng go ka diriswa, fela mananeotswako mangwe a fa gae le ona a ka thusa go koba ditshenekegi.

Segasi sa Garlic

Segasi sa garlic se bolaya bontsi jwa ditshenekegi. Segelela di-cloves tsa garlic di le tharo tse kgolo mme o di tswakanye le 1 litre ya metsi a a belang le maswana ale mabedi a paraffin ya seeledi - e thusa go kgomaganya motswako mo matlhareng. Inela malatsi ale mabedi; tswakanya le 10 litres ya metsi mme o gase mo dijalong.

Segasi sa Chilli le Garlic

Segelela di-cloves tsa garlic di le tharo tse kgolo mme o thuge di-chilli di le tlhano. Tswakanya seno le 1 litre ya metsi a a belang le maswana ale mabedi a paraffin ya seeledi. Inela malatsi ale mabedi; tswakanya le 10 litres ya metsi mme o gase mo dijalong. Segasi sa chilli le garlic se bolaya bontsi jwa ditshenekegi.

Segasi sa Mmabi

Kgetla bojang jwa mmabi, jo bo ka tlalang kgetsana ya kwa marekelong fela o seke wa bo pitlaganya thata. Rwala diatlana ka ge o tlile go loma diatla tsa gago. Tsenya 5 litres ya metsi a a belang mme o tlhakanye maswana ale 5 a paraffin ya seeledi. Tlogela motswako onô bonnye beke ele nngwe (le go fitlha go kgwedi ele nngwe tota). Tswakanya le 20 litres ya metsi. Motswako o ka diriswa mo dijalong beke nngwe le nngwe ya bobedi mme o na le dipoelô tse di ntle thata mo go kobeng ditshenekegi. Lemoga: Seno se tshwanetse go ka dirwa beke nngwe le nngwe ya bobedi mme se dira jaaka sethibedi fela.

Setlhatshana sa Khaki

Kgetla go tlatsa kgetsana ya marekelo ka setlhatshana sa khaki (Tagetes minuta) – ka go pitlagana. Tshela 5 litres ya metsi a a belang fa godimo mme o tlogele sebaka sa bonnye beke ele nngwe (e ka nna le go fitlha kgwedi ele nngwe tota). Ga go tlhokege gore o tshele paraffin ya seeledi, ka ge go setse go na le dioli di le di ntsi tsa tlhagô mo setlhatshaneng sa khaki. Tshela leswana (15ml) la sesepa sa dijana sa seeledi le 20 litres ya metsi. Gasa mo bekeng nngwe le nngwe ya bobedi go koba ditshenekegi.

Molora wa Logong

Molora wa logong o ne o diriswa ke batsogapele go laola ditshenekegi. E siametse mmu mme e na le phosphorus (P) le potassium (K). Gasagasa molora o mosesane wa logong lwa kgale lo lo omeletseng go dikologa dijalo. Netefatsa fa molora o sa kgome dijalo. O seke wa dirisa malatlha. Molora wa logong o diriswa gape ka katlego go koba dikgopa.

“Sopo ya Khukhwane le Seboko"

Kokoanya dikhukhwane kgotsa diboko tse di bakang mathata jaaka dikhukwane tse kgolo tse di serolwana kgotsa ntsho tse di jang malomo a rose, kgotsa diboko tse di ka bakang tshenyo e kgolo. Tsenya dikhukhwane kgotsa diboko mo setshoding mme o di khurumetse ka metsi go di nwetsa. Jaanong tshela metsi a a bolelo mo godimo ga dikhukhwane kgotsa diboko mme o dire “sopo ya dikhukhwane kgotsa diboko” e e bogale. E tlogele malatsinyana mme o e dirise jaaka segasi mo kobelong le go dikologa dijalo. Mokgwa-tiriso onô o diragatsa sentle thata mo twantshong ya diboko.

Lengana

Lengana (Artemesia absinthum) le koba aphids, flea beetle, dintsi, dirurubele tse tshweu tsa Khabetšhe le dikgopa. Dira tee ka mere ele mmalwa mme o tswakanye le metsi a a belang.

Translated by Nchema Rapoo