Magae a Bantwane

Madulo kwa Kwarrielaagte

©Dr Peter Magubane

Madulo kwa Kwarrielaagte a supa maikutlo-kakaretso a bomorafe le tirisano-mmogo mo Bantwaneng. Magae a bona ke maemedi a bojotlhe jwa morafe mme a emetse lefatshe le le iphitlhileng la lolapa mo setšhabeng ka kakaretso. Matseno gotswa kwa kgorong goya kwa magaeng ke ka diferwana tsa botlhe, tse di phatlhalelang morago ga magae mangwe le mangwe ale mabedi kgotsa mararo.

Basadi ba Bantwane ba na le tshwanelo ya go nna le magae a eleng a bona morago ga go tsala leitibolo. Mo mabakeng a mo go ona monna a nang le go feta mosadi ale mongwe (Bantwane ba nyala lefufa), magae ale mabedi kgotsa mararo a agwa ka go bapa.

Basadi ba Bantwane ba kgabisa mabota a kwa ntle le a ka fa gare a malapa a a dikaganyeditseng legae. Ka go agelelwa le go kgophiwa ke basadi, mabota a dirilwe ka mmu, boloko le matlapana. A kgabiswa kwa bokhutlong jwa kotulo, kwa tshimologong ya setlha se se omeletseng le ka paka e e mo magareng ga kotulo le jalô ya tlhagiso ya ngwaga o o latelang.

Kgabiso ya mabota ke nngwe ya ditiro tsa ntlha tse di dirwang ke ngwetsi e ntšhwa, fela ga se gore ke tiro ya bonosi ka ge basadi ba lesika gantsi ba mo thusa. Mebu e khibidu, tshweu le e mentsho e a tlhakanngwa, mme e diriswe go kgabisa mabota gape jaaka sesireletsi kgatlhanong le boloi.

Fela fa mebala eno e sena go tlhakanngwa, basadi ba penta mabota ka yona ba dirisa menwana kgotsa dikotana. Go sa tshwane le mekgabisa-pota ya Matebele ya mekgabiso e e kgatlhisang, mefuta ya mmu go dumelwa gape fa e memeetswe ka ditiragatso tsa melemô, tshireletso kgotsa phekolo.

Mmala-tharo ono (khibidu, tshweu le mmala wa loapi/bontsho) o tlhagelela gape mo maphateng otlhe a didiro tsa setso tsa Bantwane, mme dikarolo tse di farologaneng tse di golaganngwang ka kakanyo kgotsa ponagalo le mmala-tharo di diriswa thata mo ditiragalong tsa mediro ya setso le tsa tsatsi le tsatsi. Fela, mmala-tharo o gasagasane go feta mabaka a dithupiso le mediro ya semmuso ya botshelo jwa morafe.

O tlhagelela mo moaparong wa basadi ba Bantwane, mo dibageng tsa dikhiba, le mo rosette e e rwalwang mo letlhakoreng la ditlhogo tsa basadi ba Bantwane. Mo godimo ga fao, mmu wa mmala-tharo ono o diriswa mo magaeng a Bantwane jaaka mokgwa wa tshireletso ya boselamose le bodumedi kgatlhanong le dibaka-madimabe tsa tlhagô le tsa semowa.

Translated by Nchema Rapoo