Maele a Phepô ya Thuonong

© Chris Daly

Phepô ke nngwe ya ditshenyegelo tse di kgolo tsa barui ba le ba ntsi ba dikgogo, nako dingwe e ja go feta 50% ya madi a ntshô-tlhagisô. Fela gona le matlhale a le mmalwa a go somarela madi le go dirisa bojotlhe jo o nang le jona:

Go Kopanya Metswedi

©Chris Daly
Go reka difepi ka bonnye gotswa go motsereganyi go isa tlhwatlhwa kwa godimo. Go fenya bothata jonô, Dr Charlotte Nkuna wa South African Poultry Association o neelane ka mogopolo mo kwalong mo Farmer's Weekly gore barui ba kopanye metswedi mme ba reke didiriswa, jaaka dikokwana, difepi, melemô le mealô, ka bontsi ka tlhamalalo gotswa kwa baabing, jaaka kwa ditshilong le kwa mafelong a a thuthusang dikokwana. Seno se ka se nne bonolo go ka dirwa fa barui ba dula kgakala ka go arogana, fela barui ba tshwanetse go buisana mme mmogo ba leke go tla ka ditharabololô tse di botlhale tsa dikgwetlho tseno.

Tila Sefepi sa Boleng Tlase

Fa o reka sefepi, netefatsa fa o reka gotswa kwa motsweding o o tshepagalang. Bothata jwa sefepi sa boleng tlase ke gore se ka baka tlhaelô ya dikotla e e ka isang kwa ntshô-tlhagisông e e bokowa, kgolô e e bokowa mme e dire gore dikgogo di tshabelelwe ke malwetse. Dijo tse di senyegileng le tsona di ka baka malwetse a a rileng.
Ka keletso sefepi se tshwanetse go nna sa boleng jo bo siameng mme se tote ditlhokwa tsa diphologolo tsa gago. Sefepi sa dikgogo tsa nama, ka sekai, se tshwanetse go nna le maikatlapelo a a kwa godimo le protein e ntsi gona le sefepi sa dibeela-mae, ka ge dikgogo tsa nama di tlhoka go nona ka bonako go feta dibeela-mae.
Ka jalo ke eng dijo tsa boleng jo bo siameng?
  • Sefepi se tshwanetse go tlhoka botlhole le dire tse di kotsi.
  • Se tshwanetse go nna foreshe le go tlhoka mouta. Ga se a tshwanela go nkga maswe kgotsa go bola, mme se tshwanetse go lebega se le foreshe.
  • Se tshwanetse go tlhagiswa go tswa mo ditswakweng tsa boleng jo bo siameng.
  • Ditlhagiswa di tshwanetse go tshwana mme di seke tsa farologana gotswa mo setlhopheng se sengwe go ya go se sengwe.
  • Go tshwanetse go nna le nomore ya setlhopha, letlha la tlhagisô le dintlha tsa kgolagano go letla tshelo-morago e e bonolo fa sengwe se ka tswa mo tseleng.

Polokô e e Siameng

©Chris Daly
Polokô e e maleba e thusa go somarela boleng jwa sefepi. Fa sefepi se ntse se tsofala, se latlhegelwa ke dikotla tsa sona mme seno se raya gore sefepi se tla tlhokagala ka bontsi go tshola kgogo e itekanetse gona le fa sefepi sa boleng jo bo siameng se diriswa. Sefepi sa boleng jo bo kwa tlase se oketsa gape tshabelelo ya malwetse.
Poultry World e fana ka maele a polokô a a latelang:
  • Sefepi se tshwanetse ke go ka tsholwa se omile, se tsidifetse, se se mo letsatsing mme se le mo felong go go nang le mowa.
  • Se tshwanetse go sireletswa kgatlhanong le vermin le disenyi tse dingwe, e se fela go thibela tatlhegelo ya sefepi, mme gape ka gonne disenyi tseno di ka tshwaetsa sefepi.
  • Sefepi ka keletso se tshwanetse go sa bewe mo mmung, go thibela phokafalo ya mmu.
  • Se tshwanetse go bolokwa kgakala le dikhemikhale le diritibatsi.
  • Fa se bewa mo metemeng, meteme e tshwanetse go phepafatswa sentle pele sefepi se se ntšha se ka tsenngwa.
  • Mafelo a polokêlô a tshwanetse go tsholwa a le phepa.

Itirele Sa Gago

©Chris Daly
Fa o kgona go fitlhelela ditswakwa tsa boleng jo bo siameng, jaaka mmopo, soya, lorole lwa tlhapi le sonoblomo, o ka tlhagisa sefepi sa gago. Kopa mookamedi wa sedika kgotsa moitseanape wa dikotla tsa diphologolo gore a go thuse go tlhama seelô se se lekaneng go rebola ditlhokwa tsa dikotla tsa dikgogo tsa gago mo kgatong tse di farologaneng tsa ntshô-tlhagisô.
Mo kwalong mo Poultrysite.com, Jan Grobbelaar wa Dumela Poultry Solutions o fana ka maele a a latelang go barui ba ba retelelwang ke go reka sefepi. Santlha, ba ka itlhagisetsa dibokwana tsa dintsi go ka fepa dikgogo. Seno se ka dirwa ka go beya masaledi a dijo tse di bodileng, jaaka khabetšhe, mo kgamelong e e lepeleditsweng gotswa mo paleng. Masaledi a dijo a tlile go lere dintsi, tse di tlileng go beela mae mo kgamelong. Diphatlhana di tshwanetse go phunywa ka fa tlase ga kgamelo, gore dibokwana, tse di tlileng go ya kwa tlase ga kgamelo, di sutlhe ka diphatlhana. Kgamelo e nngwe e ka bewa ka fa tlase ga e e tlhagisang dibokwana go tshwara dibokwana.
Tsela e nngwe ya bobedi ke go kotula motlhwa. Go somarela ntshô-tlhagisô, Grobbelaar o ruta barui go ntsha fela karolwana ya sentlhaga sa motlhwa ka go phunya phatlha mo go sona. Phatlha jaanong e khurumetswa ka bojang jo bo omeletseng go itlhaganisa paakanyô ya sentlhaga. Go tsaya dikgwedi di le robongwe pele sentlhaga se ka kotulwa gape.
Tsela e nngwe gape ke go rebolela dikgogo mmopo o o utileng o o sa siamelang go ka jewa ke batho. Le fa seno se ka baka malwetse, ga go kotsi jalo mo dikgogong tse di sêlasêlang ka ge di tiile go feta dikgogo tsa segompieno tsa kgwebo, mme di kgona go ja dijo tse di rileng botoka.

Translated by Nchema Rapoo