
Madiba O Etetse Lebitla la Mmaagwe kwa Qunu
Winnie le Nelson Mandela (o kukile Bambatha) kwa Qunu, motse legae wa ga Madiba kwa Transkei ya maloba. Mandela o ne a etetse lebitla la mmaagwe yo a tlhokafetseng fa a ne a le kwa kgologelong.
Winnie, Zindzi le Nelson Mandela (yo o kukileng setlogolo sa gagwe Bambatha) kwa Qunu, motse selegae wa ga Madiba kwa Transkei ya maloba, e ga jaana e itsagaleng jaaka Eastern Cape. Mandela ka maswabi o ne a le kwa kgolegelong kwa Robben Island, fa mmaagwe, Noqaphi Nosekeni, a tlhokafala ka 1968. Nelson Mandela o ne a kganelwa go ya phitlhong ya mmaagwe, mme seno sa oketsa khutsafalo ya gagwe. Jaaka morwa o mogolo e ne e le maikarabelo a ga Mandela go boloka mmaagwe.
Jaaka go bonwa mo setshwantshông Madiba o mo tseleng go ya kwa lebitleng la ga mmaagwe, go laela mosadi yo a neng a mo rata thata.
Dingwaga fa morago ga fano ka 2011, Noqaphi Nosekeni o ne a tlotlomatswa ka ntšhwafatso ya kereke ya Methodist e a e tlhomileng kwa motseng wa lolapa lwa gagwe wa Qunu.
“Ga go sepe se se tshwanang le go boela kwa lefelong le le senang diphetogo go bona mekgwa e o fetogileng mo go yona.” ~ Nelson Mandela

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....
more
Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...
more
Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....
more
Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...
more