Lotseno, Ditshenyegelo le Dipoêlô tsa Bolemirui

© Marinda Louw
Fa o simolola polase, kgotsa le fa o setse ole mo temôthuong, molemirui o tshwanetse go tlhaloganya megopolo ya bolemirui ya ditshenyegelo le madi. Kakanyô ya bolemirui, se se salang, ke go dira dipoêlô.
Megopolo e e botlhokwa thata go ka akanyetswa ke lotseno lotlhe, ditshenyegelo tsa tlhagiso, pharologano yotlhe, lotseno morago ga kgôgô le lotseno lwa polase yotlhe.

Lotseno Lotlhe lwa Polase

©Marinda Louw
Lotseno lotlhe ke boleng jwa tlhagiso ya polase. Lo balwa ka go ntsifatsa ntshô (ke ditone di le kae tsa mmidi tse di tlhagisitsweng, ka sekai) ka tlhwatlhwa ya setlhagiswa (R/ton). Lotseno lotlhe lwa ngwaga ke palo ya dijalo tsotlhe, kgotsa leruo, e e tlhagisitsweng mo setlheng sengwe le sengwe sa ngwaga.

Ditshenyegelo tsa Tlhagiso

Ditshenyegelo dingwe tse di nang le seabe mo lotsenong lwa molemirui di ka laolwa, fa tse dingwe di ka se laolwe. Sekai, balemirui ba ka se kgone go laola tlhwatlhwa e ba e bonang ya di tlhagiswa tsa bona, ka jalo tsela e e gaisang ke go fokotsa ditshenyegelo tsa tlhagiso. Ditshenyegelo tsa tlhagiso tsa bolemirui di ka aroganngwa ka ditshenyegelo tse di fetofetogang le ditshenyegelo tse di sa suteng.
Ditshenyegelo tse di fetofetogang
Ditshenyegelo tse di fetofetogang ke ditshenyegelo tsa paka-khutswane tse di jaaka peo, lookwane le mafura, dilogetsi, badiri ba ba thapilweng (dituelo), motlakase, metsi a nosetsô, dibolayamofero le diboloyatshenyekegi le diphutedi.
Ditshenyegelo tse di sa suteng
Ditshenyegelo tse di sa suteng ke ditshenyegelo tse di dulang di le jalo go sa kgathalesege bogolo jwa polase. Dikai tsa ditshenyegelo tse di sa suteng ke ditshenyegelo tsa madi a a rekang metšhine (sekai, terekere), badiri ba leruri (dituelo) le madi-khiro a lefatshe. Gotswa selebong sa bolaodi, ditshenyegelo tse di sa suteng tse di kwa godimo gantsi di tsenya kgatelelô mo bodiralotsenong jwa polase mme di tshwanetse go ka laolwa ka tlhokomelo. Phokotsego mo ditshenyegelong tse di sa suteng, ntle le go ama tlhagiso, e ka oketsa dipoêlô.

Pharologano Yotlhe

Sediriswa se se bonolo sa go sekaseka tiragatso ya polase ke go fitlhelela pharologano yotlhe. Pharologano yotlhe e balwa bonolo ka go goga ditshenyegelo tse di fetofetogang (peo, phepô, lookwane, jalo le jalo.) gotswa go lotseno lotlhe. Fa pharologano yotlhe e e kwa godimo e bonwa gotswa mo sejalong se se rileng fa go bapisiwa le se sengwe (Sekai, mmidi kgatlhanong le sonobolomo), sejalo seo se ka jalwa ka bontsi.

Poêlô ya Kgwebo

©Marinda Louw
Poêlô ya kgwebo ya polase ke lotseno morago ga kgôgô-madi lwa polase - seno se raya gore lotseno morago ga gore dikgôgô-madi di tsewe tsia.
Fa go balwa poêlô ya kgwebo, ditshenyegelo tse di sa suteng le ditshenyegelo tse di fetofetogang (ka jalo tshenyegelo yotlhe ya tlhagiso) di tsewa tsia.

Lotseno lwa Polase Yotlhe

©Marinda Louw
Lotseno morago ga kgôgô-madi lwa polase ya gago le ka balwa ka ditsela di le pedi:
Santlha, ka go tlhakanya dipharologano-tsotlhe tsa kgwebo nngwe le nngwe ya polase (Sekai, pharologano-yotlhe ya mmidi le pharologano-yotlhe ya sonobolomo) mme o goge ditshenyegelo tse di sa suteng.
Ka tsela e nngwe, ka go fopholetsa poêlô ya kgwebo nngwe le nngwe ya dikgwebo tsa polase mme o di tlhakanye. Lotseno lwa bofelo lo supa poêlô ya polase yotlhe.
Lotseno lwa polase yotlhe lo meta nonofo ya moruo ya kgwebo mme lo supa gore ke madi ale makae a a leng teng go khurumetsa tiriso-madi ya lolapa, lekgetho le peeletso-gape mo polaseng, jaaka go reka kgotsa go hira lefatshe la tlaleletso.

Translated by Nchema Rapoo