Leina Mapungubwe

Têmogô e e Gakgamatsang

©Roger de la Harpe

Ka 1933, têmogô e e gakgamatsang ya lebitla le go sa itsiweng tlholego ya lona e ne ya dirwa gaufi le setlhoa sa lefelo la majwe la tlholego, kwa ga jaana eleng nngwe ya dipilara tsa Mapungubwe National Park.

Têmogô ya dibenya, sefikantswe sa tshukudu se se betlilweng gotswa mo gouteng e e tiileng le dibaga gotswa bophara jwa lefatshe, di isitse baitseanape ba ditso kwa morago kwa ga Lowe, kwa Bogosing jwa Mapungubwe.

Go feta sebaka sa dingwagakgolo tse supa, kitso ka ga batho ba ba sa bolong go lebalwa bano e ne ese teng, fela kgang ya bona ga jaana ke ntlhakgolo mo kgaolong eno ya nagapedi e e totaneng le tshomarelo ya ngwao.

Ke kgang e e simologileng kwa bogologolong jwa 1200 AD (e emetse Anno Domini, eleng lereo la se-Latin le le rayang gore “ngwaga wa Morena wa Rona”), fa toropo ya Dingwaga tsa Tshipi mo go tsona dithabana tse di majwe tseno e ne e buswa ke kgosi ya moAfrika e e maatla thata.

Baeti ga jaana ba kgologela kwa serapeng sa leina leno ka makatlaanamane go ithuta ka ga setšhaba se se sa bolong go nyelela seno, mme ke bona lebaka le le golo la gore serapa se se golo seno sa nagapedi se itsiswe semmusô ka dingwaga tsa bosomearobongwe.

‘Lefelo la Diphokojwe’

©Roger de la Harpe
O ne o itse: Baitseanape ba ditso ga ba itse ka botlalo gore leina Mapungubwe letswa kae, fela tlholego ya lona go akanywa fa e ikaegile mo ‘lefelo (kgotsa thabana) ya diphokojwe’.Translated by Nchema Rapoo