Kokoanô ya ANC ya ga Mandela

© Dr Peter Magubane
Diphoustara tsa ‘Mandela Go Nna Tautona’ mo gare ga boidiidi jo bo itumetseng kwa moletlo-kokoanông wa go ngokela mogaisanela-ditlhopho wa ANC tshegetso kwa FNB Stadium gaufi le Soweto.
Batho gotswa kwa mekgapeng e e farologaneng ya botshelo ba ne ba kokoana kwa Bloemfontein ka Ferikgong 8 1912 go tlhoma African National Congress (ANC). ANC e ntse e le selo se se maatla kgatlhanong le kgatelelô le kgethololô ya mmala, e ganana le go etelelapele ntwa kgatlhanong le mmuso wa tlhaolele. ANC e thusitse go fa batho ba le diketekete lentswe mo nakong e ba neng ba sena lentswe.
Jaaka go bonwa mo setshwantshông seno, baša ba maAfrika-Borwa ba ne ba bontsha tshegetso ka go tsenela kokoanô ya go ingokela batlhophi ya ANC ya mogaisanela-ditlhopho wa ANC eleng Nelson Mandela. Boidiidi jo bo itumetseng bo bonwa bo tsholeditse diphoustara tse di reng ‘Mandela Go Nna Tautona’. Kokoanô enô e ne e tshwaretswe kwa First National Bank Stadium gaufi le Soweto.

“Lehuma ga se phoso. Jaaka bokgoba le tlhaolele, le tlhodilwe ke motho mme le ka fediswa ke ditiro tsa batho.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more