Kgobokanyô ya Mapungubwe

Ke fela Bontlhanngwe jwa Khumo

©Roger de la Harpe
University of Pretoria e tshotse bontsi jwa dibetlwa tse di fitlhetsweng kwa Mapungubwe le K2, mme bonnye jwa kgobokanyô bo tshotswe ke Wits University. Ka maswabi, dipoloko tseno tse di ka se busetsweng ke bontlhanngwe fela kwa khumo ya Mapungubwe wa maloba. Ka ge thabana ele kgakala, gone go le thata go ka e tlhokomela mme dilwana di le dintsi di ne tsa utswiwa gotswa mo lefelong leno mo dingwageng.
Magwategatwe a tlhagelela gangwe le gape ka ga gouta e e sa letlelelwang e e mo diatleng tsa ba kgobokanyi ba ba ikemetseng. Dingwe tsa didirwa gotswa kwa kgobokanyô ya University of Pretoria di mo dipontshong tsa leruri ga jaana kwa Mapungubwe Museum, e e buletsweng setšhaba.
Dikgogedi tse di kgolo tsa Mapungubwe Museum ke tshukudu ya gouta e e tumileng, lore lwa gouta le sejana sa gouta. Boraro jono bo mo pelong e Sian Tiley a e kayang jaaka ‘Korone ya Dibenya ya Afrika Borwa’. Fela kgobokanyô e na le go feta fano. Ka ge gouta ele mmetale o o boleta ebile o bopega bonolo, baagi ba Mapungubwe ba ne ba kgona go e fisa le go e bopa go dira dipopego tse di farologaneng ka yona.
Papetlana ya gouta e ne e ngapiwa go dira mekgabiso e mentle. Dipapetla tsa fôele ya gouta di ne di kokotelwa ka iketlo mo boalogong go dira didiriswa tse di kgatlhisang tse di phatsimang mo letsatsing. Dibaga di ne di dirwa ka go phunya phatlhana mo thothinyaneng ya gouta. Bothalo jwa gouta jo bo kokotilweng bo ne bo thathiwa go dira maseka.
Gouta e ne e betlwa go dira maseka le dipopego tse dingwe go dira dibenya tse di eletswang. Didirwa tsotlhe tseno di na le tlholego ya selegae mme ga gona bopaki jwa gore didiro di ne di bopilwe.

Botsenwa jwa Ditalama

©Roger de la Harpe
Jaaka bopaki jwa bodirelo jono jwa gouta jo bo tlholegileng mo Afrika, kgobokanyô e akaretsa ditshukudu tsa gouta di le pedi tse di sa felelang, mokoa wa mebele ya diphologolo ya gouta, diketekete tsa dinala tse nnye tsa gouta, masaledi a setshegetsa-tlhogo sa gouta le mekgabisa e mengwe e e farologaneng ya gouta.
Diketekete tsa ditalama tsa gouta di ne tsa fitlhelwa di gasagasane mo mabitleng, fela di ne kwa tshimologong di tla be di gokêlêtswe mo moriring wa kgomo kgotsa tlhale e tshesane ya sejalo go dira dibaga le maseka a ma ntle a megalagala. Go neela baeti lesedinyana la gore dibaga tseno di ne di le di ntle jang, museum o gokêlêtse gape dingwe tsa ditalama mo ditlhaleng.
Mo godimo ga gouta, baagi ba Mapungubwe ba ne ba tseniswa ke ditalama! Kgobokanyô e na le diketekete tsa ditalama tsa galase gotswa bophara jwa lefatshe; ditalama tse kgolo tsa ‘garden roller’ gotswa kwa K2; ditalama tsa letlapa tse di dirilweng gotswa mo calcite le quartz; ditalama tse di dirilweng gotswa mo maeng a ntšhwe; ditalama tse di dirilweng gotswa mo dikgapeng tsa lewatle le ditalama tse di dirilweng gotswa mo dikgapeng tsa kgopa e e tshelang mo mmung.
Go dumelwa fa ditalama e ne ele sesupo sa maêmô, mme bokao jo bo farologaneng bo ne ba neelwa mmala mongwe le mongwe. Bosweu go dumela fa bo emetse bophêpa, bontsho bo emetse badimo, botala ke ithwalo jalo le jalo. Go na gape le ditalama di le mmalwa tsa khobalete e pududu tse di neng di le tlhwatlhwa-godimo mo kgaolong. Ka bothari jwa 1900, modiri wa polase o ne are nngwe ya ditalama tseno e ne e ja £5 kgotsa kgomo ele nngwe.

Gouta le Dimmetale tse Dingwe

©Roger de la Harpe
Manaka a tlou e ne ele setlhagiswa se sengwe sa kgwebo se se golo. Bontsi jwa maseka, mabanta a mo matsogong le dikgabisi tsa lonaka mo kgobokanyông di fitlhetswe kwa K2, mme di ne di se dintsi jalo. Go a itshupa gore basegosi ba ne ba sa rate lonaka mme bontsi jwa lona bo rometswe kwa lobopong.
Le fa gouta e bonwe fela kwa Mapungubwe Hill, naga e e potapotileng thabana e ne e tletse mokoa wa dibetlwa tsa dimmetale tse di seng dintle go le kalo. Go ne go na le dilwana di le di ntsi tse di neng di tlwaelegile kwa bofelong jwa dingwaga tsa tshipi di etsa megoma ya tshipi, metswi, ditlhogwana tsa marumo, maseka, dikgwage, dipekere, ditšhisele le magare.
Dikaterole tse di mamapô tse di dirilweng ka kgotlho, tse di itsiweng ka seVenda jaaka musuku, le tsona di ne tsa fitlhelwe mme go akanywa fa dina le boleng jwa sedumedi le jwa moruo. Dilwana di le mmalwa tsa bronze di ne tsa kgobokanngwa, fela go akanngwa fa di tlholegile kwa nageng esele. Go na le kgonagalo ya gore dilo dingwe di le mmalwa gape di tlogetswe kwa morago fa Mapungubwe e ne e phuaganngwa, fela tshipi le kgotlho di na le go senyega ka bonako go phala gouta.

Didintle ebile Di a Dira

©Roger de la Harpe
Didirwa dingwe tse di mo kgobokanyông di akaretsa: marapo a masesane a go roka; diphini tse di tshwarang moriri tsa lerapo; difikantswe tsa mmopa tsa batho le diphologolo (bontsi jwa tsona di fitlhetswe kwa K2); bontlhanyana jwa dilwana tsa Chinese Celadon; dijana tsa siramiki, maswana, diphala, dijeke, dipitsa, dibekere le maotwanakgogisi.
Disiramiki tsa kwa K2 le kwa Mapungubwe di ne di dirisetswa gantsi go apaya, go nwa kgotsa go bolokela dilo. Le fa ntswa di diriswa jalo, didirwa tseno gantsi di dirwa ka bontle, ka dipopego tse di gogelang le mekgabiso e e matsetseleko e e ngapilweng mo go tsona. Di ka se lebege okare di latlhegile kwa lebenkeleng le le tlhwatlhwa-godimo la dilwana tsa mo seAfrika tsa mo ntlong.

Dibenya tsa Korone di Busitswe

©Roger de la Harpe
Mo malobeng, go ne go sena dipontsho tsa leruri tsa letlôtlô la Mapungubwe. Mo dingwageng tse di ntseng di feta, University of Pretoria e tlhomile dipontsho tsa setšhaba tse di fetang lesome le bobedi go ralala naga, fela setšhaba se ne se sa bone dipontsho mahala.
Tlhokagalo ya museum e bonagetse ka bogolo morago ga 1994. Kgatlhegelo ya setšhaba mo kgobokanyông e godile le puso e ntšhwa, mme re nnile le keletso ya go tsaya gape histori ya rona gotswa mo tlamparelông ya tlhaolele. Matshwaô a ma ntšhwa a ne a batlwa, a a neng a bua ka ga Afrika ya bogologolo e e motlotlo. Batho ba ne ba batla go bona tshukudu ya gouta!
Ka nako ele nngwe, didirwa tsa gouta di le mmalwa tse di botlhokwa thata (go akaretsa tshukudu) di rometswe kwa British Museum gore di busetswe mo botsoneng. Tsamaiso eno e ne ele tlhwatlhwa-godimo le go ja nako ele ntsi, fela ditlamorago di ne di boitshega.
E ne e tla nna matlhabisa-ditlhong go di ntshetsa kwa ntle fela ka motsi wa dipontsho tsa nako tse di rileng. Ka boitumelo, morago ga dipaakanyo tse di kelotlhoko, Mapungubwe Museum e ne ya bula dikgoro tsa yona ka 2000. E kwa Old Arts Building kwa khemphaseng-kgolo ya University of Pretoria kwa Pretoria. ‘Dibenya tsa Korone’ di buseditswe kwa bathong ba Afrika Borwa.

Translated by Nchema Rapoo