Kgaolo ya Nagapedi ya Limpopo-Shashe ya Tshomarelo-Tlhagô

Dongola Toro ya Dongola

©Roger de la Harpe
Ka Seetebosigo 2006, Afrika Borwa, Zimbabwe le Botswana di saenile tumelano e e begang maitlamo le maikaelelo a bona a a kopanetsweng a go tlhoma Limpopo-Shashe Transfrontier Conservation Area (TFCA). Seno se tlile go bopiwa ke Mapungubwe National Park, bokone jwa Tuli Game Reserve kwa Botswana le Tuli Circle kwa Zimbabwe - kgaolo e e ka nnang bogolo jwa 136 900ha ka kakaretso.
Dikarolwana dingwe tsa lefatshe tse di farologaneng di santse di le ka fa tlase ga tshekatsheko le tsona. Kgang e e simologileng ka toro ya ga Jan Smuts ya Dongola e a diragala kwa bokhutlong.
Mo dingwageng tsa ga jaana, mogopolo wa go tlhama dikgaolo tsa nagapedi tsa tshomarelo-tlhagô di simolola go ata, ditebogo go kgolô ya bojanala jo bo sa kgotlheleng tikologô jo eleng sedira-madi se se ikanyegang go moruo wa dinaga-bosetšhaba.
Tsamaiso eno e ntse e kgweetswa ke dikema di le mmalwa, go akaretsa Peace Parks Foundation, mme borwa jwa Afrika bo lesego go ka nna le dikgaolo di le mmalwa tse di sireleditsweng tse di atologelang kwa melelwaneng e e sa bonaleng ya sepolotiki.
Tsona di akaretsa: Greater Limpopo (magareng ga Kruger le Mozambique), Ai-Ais-Richtersveld (magareng ga Afrika Borwa le Namibia), Kgalagadi (magareng ga Afrika Borwa le Botswana), Maloti-Drakensberg (magareng ga Afrika Borwa le Lesotho), Lubombo (magareng ga, Swaziland le Mozambique), le TFCA e e santseng e simolowa magareng ga Malawi le Zambia. Jaanong go na le Limpopo-Shashe.

Tshireletso ya Gotlhelele

©Roger de la Harpe
Di-TFCA tseno di mosola thata ka gonne di ntsha magora le go letlelela motsamao o o gololosegileng wa diphologolo (le bajanala) go kgabaganya dikarolo tse kgolo tsa lefatshe. Maitlamo magareng ga SA, Zim le Bots (go di neela maêmô a tsona a a tlwaelegileng) ka jalo ke kgatelopelo e e boitshegang thata mo tshireletsong ya gotlhelele le tsosoloso ya kgaolo ya Mapungubwe.
Ebile go na le maano a go golagana le UNESCO le go dira boikuelo jwa go atolosa kgaolo ya World Heritage ya Mapungubwe go akaretsa TFCA ka bophara.
Mme motho a ka akanyetsa fela dikgakgamatso tsa Limpopo-Shashe TFCA. Baeti ba tla kgona go itemogela ngwao ya maloba ya Mapungubwe, mme ba kgabaganyetse kwa karolong ya Tuli go bona diphologolo tse kgolo tse tlhano, mme ba lebe kwa Zimbabwe go etela metse ya selegae le merafe go itemogela ngwao e e tshelang. Gona gape le mafelo a archaeology a a sa itsweng thata a le mmalwa kwa Botswana, a a letetseng go ka itemogelwa.

Translated by Nchema Rapoo