Ke Gore Eng Temô ya Ditswa-tsheding?

© Participatory Guarantee Systems SA

Matsapa a ga jaana a dijo le a matlole lefatshe ka bophara, a supile ka ga go retelelwa ga mokgwa wa temôthuo wa khemikhale mo phedisong ya tlala le lehuma. Mokgwa wa madirelo a khemikhale o na le seabe mo phetogong-bosa ya lefatshe le mo tshenyong ya tshedisano-futafuta ya rona le metsweditlholego e e jaaka metsi le mmu. Mo godimo ga seo, mokgwa onô wa botsonosi (go jalwa ga sejalo se le nosi) o bakile gape tshenyo ya mekgwa ya temôthuo ya setso kgotsa ya tlholego.
Mokgatlho-kganetso o tsweletse go gola mo lefatsheng - ‘temôthuo ya agro-ecological’ e akanyeditswe le go tsenngwa-tirisong mo boêmông jwa tiriso ya dikhemikhale. Maitlhomo ke go natlafatsa balemi go laola metsweditlholego ya bona mme ka jalo ba laole tikologo ka tsela e e nang le tswelelôpele.
Temô ya ditswa-tsheding fela e tsere sebopego se mo go sona go bona setifikeite mmogo le morokotso wa go lema ditlhagiswa di leng botlhokwa mo kakanyetsông. Mokgwa onô wa temô ya “botswa-ditsheding” o ya kwa mokgweng wa temôthuo ya madirelo kwa dipoêlô eleng selo-segolo se se botlhokwa. Temô ya botswa-tsheding mo Afrika Borwa e tletse boikganetsô. Nngwe ya dintlha ke setifikeite sa botswa-tsheding se se dikganetsô go melawana-tsamaiso ya agro-ecology le, mo mabakeng ale mantsi, go nna tlhwatlhwa-godimo thata mo baleming-potlana ba le bantsi.
Mekgatlho mo Afrika Borwa, India le Brazil e leba kwa mefameng e mengwe e e jaaka Participatory Guarantee System (PGS) kwa mo go yona balemi ka bobona ba netefatsang go nna agro-ecological kgotsa botswa-tsheding ga ditlhagiswa tsa bona. Thulaganyo enô e ntsha mokgwa wa setifikeite sa third-party se se tlhwatlhwa-godimo le go baya balemi mo bogareng jwa neelô ya setifikeite kgotsa mo mokgweng wa tlhomamisô. PGS e bonwa lefatshe ka bophara jaaka sengwe se se mo boemong jwa setifikeite sa third-party mme e siametse balemi-potlana.
Temô ya botswa-tsheding ka jalo ke ntshô-tlhagiso ya dijalo le diphologolo ka go tshedisana le tlhagô ntle le tiriso ya dikhemikhale tse di kotsi le ka go dirisa metsweditlholego e ka sekai eleng ditsosolotsa-kgolô, taolô ya disenyi le tokafatso ya mmu. Dipholô ke ditlhagiswa tsa botswa-tsheding tse di senang dikhemikhale kgotsa di-hormone mme di na le seelo se se kwa godimo sa vitamin ebile di sena genetically modified organisms (GMOs) - tseno ke dijalo, diphologolo kgotsa di-microbe tse di nang le dikarolwana tsa madi tse di fetotsweng kgotsa di feteleditsweng gotswa kwa ditshiding tse dingwe.

Translated by Nchema Rapoo