Jackalberry
Mokotšhong

© Shem Compion

Leina

Mokotšhong, Jackalberry, African Ebony [Diospyros mespiliformis]

Leina La Se-Latin

Diospyros mespiliformus

Thanololo

Setlhare sa Mokotšhong se ka golela kwa godimo thata, go fitlha go 80 feet, ka bokima jwa kuti jwa 16 feet. Setlhare sa ka tlwaelo se fitlhelela fela boleele jwa 15 go ya go 18 feet. Kutu e golela kwa godimo e tlhamaletse, dikala tsa ntlha, tse di phatlhalelang, di tlhoga kgakala gotswa fa fatshe. Dikutu tse di godileng tsa ditlhare tsa kgale le tse di bokete, di dithabanathabana tse di makokoma mme di le sephaphathi, seno se di thusa go tia.
Lekwati le borokwa ga le leša, le fetogela go bosetlha jo bo tseneletseng fa setlhare se ntse se gola, ka moutlwalo o o magwatata, mme le dira difôrônyana tse di boteng di rapaletse. Di na le korone e e kitlaneng ele botala jwa tlhaga jo bo tseneletse, mme e phatlhaletse. Matlhare a na le popego ya lee, ka boleele jo bo fitlhang 5,5 inches le bophara jwa 3 inches mme a na le matlhakore a a borethe kgotsa a a makhubunyana. Matlhare a magologolo a na le tebego e e phatsimang ya letlalo, ka botala jo bo tseneletseng fa godimo le bo bo sedifetseng fa tlase.
Matlhare a maša le dikalana di apesitswe ke meritshana e e patlameng. Fa di le di nnye, ditlhare ga di latlhe matlhare a tsona, fela ga setlhare se ntse se gola se tlhotlhora matlhare go sale gale ka dikgakologo. Matlhare a maša a tla tlhoga go simolola ka Seetebosigo go ya Diphalane mme mmala wa ona o nne pinkinyana, kgotsa wa namune kgotsa o mohibitshwana. Se farologana ka mmala go tswa go borokwa jo bo hibitshwana go ya gaufi le bontsho. Setlhare sa Mokotšhong ke leloko la lelapa la Ebenaceae, mme se itsagale gape ka leina la African Ebony.

Dithunya

Dithunya tsa Mokotšhong di dinnye mme ga di bonagale bonolo. Dithunya tse di meritshana di le monkgo ka mmala o mosweu go ya go wa lobebe lo lo timpetseng, di kgaogane ka bong mme di tlhoga mo ditlhareng tse di fapaaneng. Tsa tshegadi di tlhoga ka bongwe mo thitông e e meritshana fa tsa tona di tlhoga di kokoane. Leungo le tlhoga fela mo ditlhareng tsa tshegadi.

Leungo

Leungo la Mokotšhong le ratiwa ke diphologolo di le dintsi. Leungo le le monônô le popego ya lee, le ratile go nna kgolokwe mme le ka nna 1-inch ka bophara ka mmala o o serolwana kgotsa serolowana le botala. Disepale tse 5 tsa calyx ya sethunya di salela fa tlase mo leungong, dintlhane tsa tsona di kobegetse kwa morago. Dithôtse tse di tsutsubaneng di le pedi go ya go thataro di ka fitlhelwa ka mo gare ga leungo. Matlapi a thata, fela leungo leno le le jegang lena le bo-bupinyana jo bo tsepameng ka tatso e e boleta ya ratsuru.
Le ka jewa le le foreše kgotsa le somaretswe. Le a ômiswa mme le silwe go etsa folouru. Bojalwa le borenti di titielwa go tswa mo go lona. Fa leungo la Mokotšhong le bodule thata, le nna phepole, fela ga se gantsi o ka le bona ka mmala ono ka ga le jewa ke diphologolo pele le ka butswa thata. Diphologolo di etsa ditsama, diphala, bo-makorwane, ditshwene le mahututu go umaka di le mmalwa, di rata go ja maungo a Mokotšhong.
Setlhare seno se filwe leina la sona (Jackalberry) ka ntlha ya gore dithôtse tsa sona di fitlhelwa gape mo bolokong jwa phokojwe (jackal). Matlhare a sona a jewa ke ditlou, ditshukudu, dithutlwa, dinare le bothôlô. Sebokwana sa serurubele sa naga le sone se ja matlhare a setlhare se.

Ditiriso

Logong-teng lo borethe mme lo siametse boalo jwa ntlu, fenitšhara ya boleng jo bo kwa godimo le motshe-le-kika tse nnye. Dikutu di dirisetswa go dira mekoro. Matlhare, legwati le medi dina le substance e gotweng tannin e e dirang jaaka segagamatsi sa letlalo go thibela tatlhegelo ya madi. Setlhare seno se tshwanetse gore se nne gape le dithibela-megare tse di thusang go fodisa dinthô.
Motswako o o dirilweng ka medi ya sona o dirisetswa go ntsha bo-motlhampepe jaaka dipudi-tsa-letlalo, letshololô la mala le letshoroma. Maungo gantsi a dirisetswa go titiela bojalwa kgotsa go bedisa mofine. Leungo le dikarolo tse dingwe tsa setlhare di na le tannin.

Di fitlhelwa kae

Mokotšhong o fitlhelwa go ralala Afrika, go tswa Senegal le Sudan go ya Namibia le bokone jwa Transvaal. O tlwaelegile thata mo dikgweng tsa tlhaga kgotsa mo dikgweng tsa tlhaga tse di tletseng ditlhare mo o ka fitlhelwang o mela mo mebotong ya motlhwa. Mo mebung e e thata, meboto ya motlhwa e fa setlhare seno mmu o o botlhofo le motswedi wa metsi, fa medi e neela motlhwa tshireletso. Ka ntlha ya gore o phela ka diswi, motlhwa ga o je logong lo lo phelang. Logong lwa Mokotšhong ga le jewe-jewe ke motlhwa fela morago ga go remiwa.